Breaking News

BDP e kgathala ka matshelo - Masisi

21 Oct 2019

Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a re Botswana Democratic Party (BDP) e kgathala ka matshelo a Batswana.

A re ka go lemoga fa Botswana a aparetswe ke letlhoko la ditiro, o ne a taboga le mafatshe a mangwe go dira botsalano gore ba monele marula pele go tlhabolola Batswana.

O buile se fa a supa bontlhopheng ba makhanselara ba kgaolo ya Serowe Borwa kwa Serowe ka Tshipi,

 Tautona Masisi a re BDP ke phathi ya morero, ka jalo e dumela fa mafoko a kgotla a le mantle otlhe.

A re maitlamo a yone a tshwere go le go ntsi thata go direla Batswana.

A re ba tlhoka baemedi ba ba boammaruri ba ba ka isang lefatshe kwa pele.

Dr Masisi o kopile batho ba ba duleng mo phathing ya BDP ka mabaka a go latlhegelwa mo ditlhophong tsa peo letlhokwa gore ba boele gae.

A re BDP e tla ba amogela sentle fela.

O ne a kopa banni go tlhopha ntlhopheng wa bokhanselara wa kgaololwana ya Mogatsapoo, Rre Bahiti Ratora, ka dipalo tse di nametsang.

O kaile fa Rre Ratora e le ene a tsileng ka kgang ya gore go baakanngwe ditsela tse di fa gare ga Serowe, a bolela fa a ne a sa mo fe boroko ka dikgang tsa teng.

Tautona Masisi o boletse fa Rre Ratora e le senatla thata e bile a sa belaele sepe mo go ene.

Rre Ratora ene o ne a bolela fa a amogela thomo e bile a tshephisa fa a tlaa dira ka bonatla mo kgaolwaneng ya gagwe.

O boletse fa puso ya BDP e le yone fela e ka kgonang mathata a a aparetseng Batswana.

Ntlhopheng yo, a re puso ga e a tshwanela go tsewa lolea. O boletse fa a lole thata ka ditsela tse di fa gare ga Serowe gore di tsamaega.

Fa a tswa la gagwe, Tona wa ofisi ya ga Tautona le Bodirelapuso, Rre Nonofo Molefi o kopile Batswana go tlhopha BDP ka e na le tebelopele mo setshabeng sa Botswana le mananeo a botlhokwa.

O boletse fa BDP e tswa kgakala e kgathalela Batswana, e diretse lefatshe la Botswana go simola ka ngwaga wa 1966.

O kgadile ba phathi ya UDC a bolela fa ba sa bue nnete ba re batla dira ditiro di le 100 000 ka ngwaga.

A re BDP e tlhabolotse matshelo a badirelapuso e bile a kopa gore Motswana mongwe le mongwe a nne le seabe mo itsholelong ya Batswana.

Leloko la komitikgolo ya BDP mme Ponatshego Tshiping o boletse fa phathi ya BDP e agilwe ke mabutswapele bo Sir Seretse Kgama, Ketumile Masire mo go ba bangwe mme ba e agela mo ledulong le le siameng.

O kopile Batswana go tlhopha Masisi le phathi ya gagwe a re tautona ya pele rre Lt Gen Seretse Khama Ian Khama o tla boela ko BDP. O kopile gore ba tlhophe tautona Masisi ka a le botlhale e bile a na le tebelopele. BOKHUTLHO   

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya polotiki

Date : 21 Oct 2019