Breaking News

Dibelang isago ya bana

21 Oct 2019

Ba-na-le-seabe mo thutong ba gwetlhilwe go dira ka thata go dibela isago ya bana.

Se se buile ke mogolwane kwa lephateng la thuto go tswa kwa moding kwa kgaolong ya Ghanzi, Mme Chockie Letlole, kwa moletlong wa kabo dimpho le kaloso ya bana ba ba kwa tlase ga mophato wa bongwe kwa sekoleng se se botlana sa Kuke ka Labotlhano.

Mme Letlole a re ke maikarabelo a botlhe go bona gore ngwana o a atlega mo dithutong tsa gagwe ka go mmaya leitho ka nako tsotlhe le go mo supegetsa tsela.

A re ba tshwanetse go rotloetsa boikgapho mo baneng mo dilong tse di akaretsang tlhakanelo dikobo.

Mme Letlole a re ke maikarebelo a mongwe le mongwe go bona gore ngwana ga a tlogele sekole go ya dipolaseng.

A re batsadi ba tshwanetse go nna sekao mo baneng gore ba kope mekgwa e e siameng mo go bone.

O rotloeditse batsadi go isa bana sekoleng ba sa le ba botlana.

Rre Tiro Pabalelo go tswa kwa khamphaneng ya Tshukudu Metals Botswana, o supile fa lerato la thuto le maitsholo a mantle a ka isa baithuti kwa mankalengkaleng.

Rre Pabalelo o ba gwethile go tsaya sekole ka tlhwaafalo le go reetsa dikgakololo tsa barutabana le batsadi gore ba fitlhelele ditoro le dikeletso tsa bone.

“Se o se lorang, o tlaa nna sone,” Rre Pabalelo a supa a bo a gwetlha batsadi go tsenya letsogo mo thutong ya bana ba bone.

Mogokgo wa sekole, Mme Golebala Kgatitswe, a re erile ngwaga o simologa, bana ba bo ba le 450 mme gompeino ba setse ka ba le 413.

Mme Kgatitswe a re seemo se, se atile kwa sekoleng sa gagwe ka se dikaganyeditswe ke dipolase mme bana ba felela ba phuaganya dithuto go latela batsadi ba bone ba ba berekang koo.

A re bana ba le supa ga ba a kwala ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa mme a supa batsadi bangwe ka monwana a re ba tlhola le bana kwa marekisetsong a majalwa.

O supile fa go nnile le kgolo mo maduong a lekwalo la bosupa ka ngwaga wa 2017.

Morutabana wa maemo a magolwane wa dithuto tsa kaedi le tshidilo maikotlo, Rre Chaotego Abedile o gateletse botlhokwa jwa kabo dimpho, a re ga se go ipela fela le ba ba dirileng sentle, ke tsela ya go kgothatsa ba ba saletseng kwa morago go iteka. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : KUKE

Event : Kabo dimpho

Date : 21 Oct 2019