Breaking News

Batho ba le bane ba tlhokafetse

27 Aug 2013

Mapodisi a Mahalapye a tlhotlhomisa ditiragalo tse mo go tsone batho ba le bane ba neng ba tlhokafala mo mafelong a a farologaneng.

Mmueledi wa mapodisi a pharakano, Inspector Patrick Ndawanyana, o bolela fa mosadi wa dingwaga tse 25 wa Sefhare le monna wa dingwaga tse 20 wa Moshopha, ba tlhokafetse ka Sontaga, fa koloi e ba neng ba tsamaya ka yone ya modiro wa Ford Bantam, e thulana le koloi ya modiro wa Colt mo tseleng ya A1 kwa Palla-road.

Rre Ndawanyana o tlhalositse gore direpa ka bobedi di kwa setsidifatsing sa kokelo ya Mahalapye go bonwa ke dingaka fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di sa ntse di tsweletse go bona se se bakileng kotsi. E ntse e le kwa Mahalapye, mapodisi a tshegeditse monna mongwe go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le leso la monna mongwe wa Shoshong, mo  bekeng e e fetileng. Go tlholosiwa fa a ne a thula kgomo mo tseleng ya Gaborone/Francistown, mme morago le ene a thulwa ke koloi a bo a tlhokafala.

Rre Ndawanyana o boletse gore monna yoo, yo e neng e le mokgweetsi mo lephateng la CTO kwa Mahalapye, o ne a thula kgomo kwa Radisele ka Laboraro wa beke e fetileng, mme ya re a sa ntse a emetse mapodise ka a ne a ba begetse ka tiragalo eo, ga tla koloi ya teraka, e le yone e neng ya thula kgomo eo, mme morago ya thula monna yoo, yo a neng a eme kwa thoko ga tsela.

Lefa Assistant Superintendent Modongo a ganne go buisana le babega-dikgang ka mosokelatsebeng, gone dipego tse di tlhomamisegang di bolela fa mosadi mongwe wa kgotla ya Madiba a tlhokafetse morago ga go nwa dipilisi tse dintsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jwabeng

Location : Mahalapye

Event : Potsolotso

Date : 27 Aug 2013