Mopalamente wa pele wa Shoshong o tlhokafetse
20 Oct 2019
Mopalamente wa pele wa kgaolo ya Shoshong, Rre Modibedi Robi o tlhokafetse.
Rre Robi, yo e neng e le mopalamente ka ngwaga wa 1994 go ya kwa go 1999, o tlhokafetse morago ga go kubugelwa ke bolwetse ka Laboraro bosigo.
O diretse Botswana Democratic Party (BDP) mo maemong aa farologanyeng jaaka go nna mokwaledi wa komiti ya bokaedi (disciplinary) mme o tlhokafala jaana e le leloko la lekgotla la kabo ditsha la legare.
Moemedi wa lelwapa yo ebile e le monnawe Rre Robi, Rre Metha Mokgatle, a re le fa Rre Robi a ne a tshela ka bolwetse jwa madi a matona, o ne a lela ka setlhabi mo mahatlheng.
A re e ne ya re ka Laboraro bosigo, a isiwa kokelong ya Shoshong kwa ngaka e neng ya rurifatsa fa a tlhokafetse.
Rre Mokgatle o kaile mogolowe e le motho yo o lerato, yo o pelo e siameng ebile a ka se ka a dumalane le sepe se se sokameng.
A re lerato le a neng a na le lone mo sepolotiking bogolo jang kwa phathing ya BDP e ne ele le legolo.
Mopalamente yo o sa tswang go tswa wa Shohong ebile e le motshwarelela tona wa lephata la tlhabololo banana metshameko le ngwao, Rre Phillip Makgalemele o kaile fa Rre Robi e ne e le leloko la BDP la motia ebile a e direla ka botswapelo.
“Ga re na boikgethelo, fa ese go nna le maatla,”ga kgothatsa Rre Makgalemele.
Modulasetilo wa BDP kwa kgaolong ya botlhophi ya Shoshong, Mme Leepo Shadrack o buile ka lerato la ga Rre Robi mo kgaolong le kwa BDP.
O kaile Rre Robi e ne e le motho wa merero le batho ba kgaolo ya gagwe.
“Fa Rre Robi a tswa palamenteng ka nako e neng a le mopalamente, o ne a sa lebale kgaolo,”Mme Shadrack a tlhalosa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaotlhobogwe Orefile
Location : MAHALAPYE
Event : POTSOLOTSO
Date : 20 Oct 2019