Breaking News

Go ima ga bana ba bannye go tshwenya mapodisi

20 Oct 2019

Mogolwane wa mapodisi a Serowe, Superintendent Poloko Oteng, a re go ima ga bana ba dingwaga tse di kwa tlase go ile magoletsa kwa kgaolong ya gagwe ya sepodisi.

Mo potsolosong bosheng, Supt Oteng o boletse fa gantsi ba amogela dikgang di tswa kwa dikokelwaneg, mme di bega fa bana ba dingwaga tse lesome le boferabobedi ba tla ka mmetela ba imile.

A re se se ngomolang pelo ke gore bangwe go kaiwa fa e bile ba nna le bakapelo ba bone.

Rre Oteng o boletse fa bangwe ba tlogetse dikole fa bangwe ba ingaotse kwa malwapeng.

O ngongoregetse tlhokomelo ya botsadi.

O boletse fa go imisa ngwana wa dingwaga tse di kwa tlase ka na go tlhakanela dikobo le ene e le molato fela o motona.

O kopile batsadi go nna le seabe mo tlhokomelong ya bana ba bone ka gore ke bone lesedi la lefatshe.

Mo go tse dingwe, o boletse fa bangwe ba santse ba tsiediwa motlhofo mo megaleng ya bone ya letheka, manweenwee a ba romelela melaetsa gore ba tsenye dinomoro tsa bone tsa dibanka ba ba tsenyetse madi.

A re ba kopane le dikgang di le mmalwa batho ba tsieditswe mme ba sa lemoge. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : potsoloso

Date : 20 Oct 2019