Breaking News

Tautona Masisi o akgola Boteti

20 Oct 2019

Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a re go botlhokwa go lemoga botlhe ba ba nnileng le seabe mo go ageng Botswana oo itsegeng ka kagiso le thokgamo.

Tautona Masisi o ne a tlhalosa gape fa merafe ya kgaolo ya Boteti e tlhoka go tlotlomadiwa ka go bo ba sa ikgagapelela meamuso e e fitlhelwang mo kgaolong ya bone.

Tautona, yo a neng a buisa phuthego ya kgotla kwa toropong ya Orapa ka Labotlhano, a re le fa tshimolodiso ya meepo e kgoreleditse barui bangwe ba ba neng ba fudusiwa go sutela moepo, go botlhokwa go leboga tirisano mmogo ya bone.

“Ke fano go le leboga ka go nna Batswana ba ba boammaruri. Le bone go le botlhokwa go kgaogana dipoelo tsa ditswammung le ba bangwe,” Dr Masisi a supa.

A re mowa o, o thusitse go aga setshaba se se kompa ka gore dipoelo tsa diteemane di thusitse go aga Botswana le go tlhabolola matshelo a batho.

“Mongwe le mongwe wa lona o dirile ka natla mo mosepeleng wa go aga Botswana. Le fa re ikana gore re tlaa lo direla, re abo re ikantse lona, ga re ka ke ra kgona sepe ntle le seabe sa lona,” Dr Masisi a supa.

A re mafatshe mangwe a a humileng ditswammung, a kgautlhantswe ke dintwa ka go bo a paletswe ke go dira thulaganyo e e tsepameng fa mo Botswana go rena molao le thokgamo.

Dr Masisi o gakolotse botlhe ba ba ikwaditseng go tlhopha puso e ba e batlang mo ditlhophong tsa setshaba ka Laboraro.

“Ke kopa gore le seka la dira sepe se se ka le itsang go dira tshwanelo ya lona. Boitshwaro jwa lona bo seka jwa kgoreletsa tshwanelo e le e fiwang ke molao go nna le seabe mo go ageng puso ya batho ka batho. Ke eletsa gore re itlhophele puso e ntsha go sena dikgotlhang.  Yo o nang le pelaelo ya gore sengwe se hapogile a dirise tlhopho go baakanya le go bopa bokamoso jo bo nonofileng,” Tautona Masisi a tlhalosa.

Monni wa Orapa, Rre Galadzo Otimile o ngongoregetse gore dilelo tsa babereki ba meepo ya Debswana ga di tsewe tsia ke puso, mme Dr Masisi a supa fa Debswana e le tshwaragano ya puso le DeBeers.

“Tumalano ya bone e laolwa ke molao o o lebeletseng tsamaiso ya dikhamphani.  Dikgang tse di amang mabaka a phiro di arabiwa ke mohiri. Ga re a tshwanela go kopanya dikgang tsa mmereki le mohiri le boikarabelo jwa botautona.  Badiredi ba hirwa go dirisiwa molao o o ba kaelang gape le gore fa ba na le dikgang tse di amang mabaka a tiro ba dire jang,” Tautona Masisi a tlhalosa.

A re o buisantse le baemedi ba makgotla a babereki ba meepo ka tsotlhe tse di ba tshwenyang.

A re o dumela gore e go go ntsi mo go ka dirwang go baakanya seemo.

“Ka tsamaiso fa mohiri a palelana le mohiriwa, go salwa molao morago go dirwa tsotlhe tse di tshwanetseng go rarabolola kgang. Le ka supa ngongorego ya lona ka go ikopanya le makgotla a babereki ka sepe fela se se ka fa molaong. Ga ke batle go tsena thata kgang tsa lona ke ise ke di tlhaloganye ka botlalo,” Dr Masisi a gakolola.

O tlhalositse fa a emetse puso ka maemo a gagwe a bo Tautona, mme a se kake a eletsa go bona Motswana a jewa ntsoma.

A re ba seka ba belaela sepe ka maikaelelo a puso ke go sireletsa le go babalela matshelo a Batswana mo tirong. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : ORAPA

Event : phuthego ya kgotla

Date : 20 Oct 2019