Breaking News

Tona o rera tlhabololo ya itsholelo

17 Oct 2019

Tona wa Lephata la Peeletso, Papadi le Madirelo Mme Bogolo Kenewendo o kgothaditse setshaba go thusa go godisa itsholelo ka go dumela mo go tse di dirwang mono gae.

Mme Kenewendo o buile jaana  mo thuto-puisanyong ya go isa ditlamelo kwa bathong ke makalana a lephata la gagwe kwa Mogoditshane ka Laboraro.

O tlhalositse fa lefatshe leno le ka fitlhelela toro ya go tlhabolola itsholelo fa Batswana ba ka ema nokeng dithoto tse di dirwang mono, tse e bileng go solofelwa gore e nne tsa boleng jo bo eletsegang.

 A re ga go na jaaka Botswana a ka fitlhelelng ditoro tsa go tlhabolola itsholelo fa bareki ba emetse kwa thoko, ba sa eme nokeng dithoto tsa bagwebi ba lefatshe la bone.

Tona o tlhalositse fa maikaelelo magolo a thulaganyo eo, e le go buisanya le morafe ka ditirelo tsa lephata la gagwe le go thusa go nonotsha dikitso le go ba thusa go itse se se tlhokwang ke mebaraka ya mafatshemafatshe.

Tona Kenewendo o ne a lekodisa  batsena thuto-puisanyo eo gore e re ntswa a dumalana le gore tse lephata le di dirang ga di a lekana, go araba matshwenyego a bagwebi ba lefatshe leno, ba tsweletse ka go tlhama mananeo a a thusang go tokafatsa seemo se.

A re ba tsweletse ka go dira dithulaganyo tse dingwe tsa tsone di atlegileng ka maikaelelo a go fa Batswana dithata tsa go tokafatsa itsholelo, a a fa sekai ka kgang ya thekiso ya metsi, a tlhalosa fa go ne ga tsewa tshwetso gore go rekwe a a dirwang mo gae.

O ne a tlhalosa fa tshwetso e, e nnile katlego e kgolo mo tsamaisong ya lephata la gagwe.

Mme Kenewendo a re maikaelelo a bone ga se fela go godisa itsholelo ka dipalo, mme kgang kgolo ya bone ke ba go netefatsa gore ba fa Batswana dithata le go thusa go fetola matshelo bone.

A re lephata la gagwe le tshwere ka natla go tswa ka mananeo a go thusa go tlhabolola itsholelo, mme a supa  fa katlego ya seo e ka kgonega fa ba-na-le seabe botlhe ba ka tshwaragana mo tirong ya go thusa go tlhabolola bagwebi.

Dingwe tsa tseo, o supile fa e le go tokafatsa molawana wa tshimolodiso ya kgwebo gore e seka ya nna  motsopodia fa e le ya tse di seng borai mo matshelong a batho, e bile di se na bothata jwa go ka kgotlela tikologo.

Tona a re thulaganyo ya go kopana le setshaba gangwe le gape ke go abelana dikitso le go itemogela se e leng dikgoreletsi mo tsamaisong ya go tlhabolola dikgwebo ka go betla methale ya ka fa di ka  tokafadiwang ka teng.

E rile a tlhalosa maikaelelo a bokopano joo, mogolwane mo lephateng la dikoporase Mme Thapelo Monatshe a supa fa maikaelelo magolo a bokopano joo e le go tlhatlhelela setshaba ka dikitso tsa kgwebo, go ba ema nokeng le go fa bogakolodi jo bo ka ba thusang go tlhabolola dikgwebo,  go thusa go ntsha dithoto tsa boleng, ga mmogo le go rotloetsa kemo nokeng ya dithoto tsa mo gae. ENDs

 

 

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOLEPOLOLE

Event : Thuto-puisanyong

Date : 17 Oct 2019