Ba gakololwa go epa mosele wa pula
17 Oct 2019
Motshwarelela bogosi jwa Batawana Kgosi Kealetile Moremi o kopile morafe wa gagwe gore ba seka ba kgojwa marapo ke gore pula ga e ise e ne mme ba nne malala a laotswe go tla go tshwara bokgola mogang e nang.
O buile jaana ka Mosupulogo fa a bolotsa letsema kwa kgotleng kgolo ya Batawana kwa Maun, a re pula e laolwa ke Modimo mme se segolo ke gore bone ba tswelele ka go kopa mo Modimong go ba naya pula gore ba kgone go ntsha dijo tse di ka ba tshetsang le ba malwapa a bone.
Kgosi a re le ntswa pula e ise e ne Batawana ba tswelele ka go baakanya masimo gore fa Modimo a araba dithapelo tsa bone ba bo ba sa tlhole ba re ‘ka moso’.
A re go bulela letsema ke ngwao e e dirwang ngwaga le ngwaga pele ga temo.
Kgosi Moremi o ne a itsise morafe gore fela jaaka a simolodisitse letsema, go raya gore ga ba sa tlhole ba amogela ditsheko kwa kgotleng kgolo, fa e se go feleletsa tse di ntseng di tsweletse.
Moruti Boikobo Nthobatsang wa kereke ya Lontone, yo e bileng e le modulasetilo wa komiti ya baruti, o ne a bulela mafoko a ga kgosi ka mafoko a a tswang mo lekwalong la Ditironomi kgaolo ya lesome le bongwe temana ya lesome le boraro go ya kwa go lesome le botlhano.
Letsatsi leo gape le ne la natifisiwa ka moopelo wa dikereke ka go farologana ba kopa pula mo Modimong. ENDS
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 Oct 2019