Ba gakololwa go fetola tiriso ya lefatshe
27 Aug 2013
Lekgotla la kabo ditsha la Tati le gakolotse baagi ba Masunga ba ba eletsang go direla temo le thuo mo masimong go tsenya kopo ya go fetola tiriso ya tshimo eo.
Go ne go gakolola leloko la lekgotla leo, Rre Elliot Nkhwanana mo phuthegong ya kgotla kwa Masunga ka mafelo a beke. Rre Nkhwanana o ne a tlhalosa gore ga go a lebana gore ba fetole tiriso ya masimo pele ga go fiwa tetla ke lekgotla la kabo ditsha mme e bile ba lephata la temo-thuo ba ise ba dire tshekatsheko go bona gore ke mefuta efe ya go lema le go rua e e ka direlwang mo masimo.
O ne a ba itsise fa ope yo o dirang temo le thuo mo tshimong ya gagwe a tshwanetse go dira jalo fela a sena go fiwa setlankana se se fetolang tshimo ya gagwe go kopanya temo le thuo, go tswa mo tirisong ya go lema fela.
Rre Nkhwanana o ne a ba gakolola gape gore le fa ntswa go lema le go rua jaanong go ka direlwa gongwe, tshekatsheko ya ba temo-thuo e tlaa leba dintlha di le mmalwa go bona gore ke eng se se ka kgonang go direlwa mo tshimong go lebilwe le jone boatlhamo jwa yone. A re ka jalo balemi-barui ba tshwanetse ba itse fa go na le kgonagalo ya gore ba lekanyediwe palo e e rileng ya diruiwa.
O supile fa ntlha nngwe e e tlaa tlhongwang leitlho ke go nonofa ga terata ya tshimo, ka jalo a gwetlha ba ba eletsang go fetola tiriso ya masimo a bone go ela ntlha e tlhoko. Rre Nkhwanana o ne a tsibosa phuthego ka tshwetso e lekgotla la kabo ditsha la Tati le e tsereng ya gore morafe o tsenye dikopo tsa gore diphuphu tse di anameng le metse ya kgaolo ya bokone botlhaba tse di nnileng teng pele ga go bewa ditsha tsa mabitla di ntshediwe ditlankana. A re tshwetso e e tserwe ka mabaka a akaretsa la gore go thibelwe phoso ya gore baswi ba epololwe fa go dirwa ditlhabololo mo metseng.
Mo ntlheng e sele, Rre Nkhwanana o ne a ikuela mo morafeng go tsenya dikopo tsa go fiwa ditlankana tsa ditsha tsotlhe tsa bone, a supa fa magola le matlotla ape a a senang ditlankana a tlaa gapiwa go boela lekgotla la kabo ditsha mme morago a tlaa abelwa baikopedi ba ditsha.
Fa ba mo kgwa dikgaba, batho ba ne ba atla tshwetso ya go tsewa ga matlotla le magola, ba re go tlaa thusa go araba selelo se se golang sa tlhaelo ya lefatshe mo kgaolong ya bone. Ba ne ba itumelela gape kgang ya go bewa le go ntshediwa ditlankana ga diphuphu, ba supa fa ba ne ba ntse ba na le matshwenyego a gore ditlhabololo dingwe di tshwana le kago ya ditsela di ka nna tsa senya fa ba robaditseng baswi teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : Masunga
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 27 Aug 2013






