Breaking News

Badiri ba DBES ba agetse motlhoki ntlo

27 Aug 2013

Babereki ba lephata la DBES ba Letlhakane ba akgoletswe tiro e ntle ya go supa kutlwelobotlhoko ka go thusa ba ba tlhokileng lesego ka go ba agela matlo.

Kgakololo e e dirilwe ke tona wa ditsha le matlo yo gape e leng mopalamente wa Boteti borwa, Rre Lebonaamang Mokalake fa a ne a bula semmuso ntlo ya dikamore tse pedi le ntlwana ya boitiketso e lephata la DBES le e agetseng lelwapa la ga Bontshwanetse Setebelekwane kwa Mokobaxane ka Matlhatso. 

Tona Mokalake o ne a leboga badiri ba go bo ba ba na le moya  wa kutlwelobotlhoko ebile ba diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya lefatshe leno la tshaba e e ketlwelobotlhoko ebile e kgathala  ka ba bangwe.

O bile a re ba arabile selelo sa puso ka jaana puso ka nosi e ka se kgone go agela batlhoki botlhe ba lefatshe leno  matlo, a re bonno bo botlhokwa ebile bo fa seriti, a bo a kopa maphata, le makalana a a ikemetseng, dikereke, ba na le seabe botlhe le Batswana ka kakaretso go tsaya malebela gore ba thuse puso.

Tona o ne a re ke ntlo ya bobedi  lephata le le e aga mo kgaolong ya Boteti a bo a re ga se gore ba dira jalo ka ba na le madi, ba dira ka lerato le kutlwelobotlhoko. A re ba tshware fela jalo ka go tlhokomela ba bangwe ka e se bone fela ba ba tlhokang thuso. E rile a itebaganya le ba lelwapa le le abetsweng ntlo a re toro e ba saleng ba e lora ya go nna le bonno e diragetse, ka jalo ba nne mo go jone ka lorato ba e tlhokomele, a kgothatsa motlhokomedi wa bana ba go dira tshingwana ya merogo e  ba ka itshetsang ka yone. O ne a kopa ba lelwapa la ga Setebelekwane go babalela ntlo e go netefatsa gore ga go ope yo o e tseelang bana, ebile e seka ya rekisiwa, a re puso e tshwentswe thata ke seemo sa go rekisiwa ga malwapa le one a dithuso tota.


E rile a tlhalosa ka fa ba agileng ntlo e ka teng moanamisa mafoko wa komiti ya botsogo ya DBES Rre Mmoloki Mabe a bolela fa ba simolotse ka go kopa setsha ko go ba ditsha ka jaana motho yo ba mo agetseng  ntlo a ne a sena setsha. Rre Bobe a re mme yo ba mo agetseng ntlo o ne a tlhokafala ba sa ntse ba le mo lenaneong la go aga, mme ba bona gore ba tswelele ba agele bana ka a tlhogetse bana ba le batlhano, a re ba ne ba ba agela ntlwana ya boitiketso le ntlo ya dikamore tse pedi  ka P42 000 a ba a kokoantseng ka go dira metshameko ka go farologana le  koleke.

Tona o ne a abela bana bao dikobo di le tlhano, ba DBES Francistown dikobo tse pedi, le tse dingwe dimpho ka go farologana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : Letlhakane

Event : Pulo semmuso

Date : 27 Aug 2013