Breaking News

Mme Segwagwa o akgolelwa bonatla

17 Oct 2019

Banni ba Letlhakeng Bokone ba akgoletse mme Stella Segwagwa go bo a dirile ka botswapelo go tlhabolola matshelo a bone mo dingwageng tse tlhano e le mokhanselara wa bone.

Ba buile jaana kwa phuthego ya kgotla ka Mosupologo kwa Letlhakeng go laela mokhanselara wa bone yo o tswang Mme Segwagwa.

E rile a amogela baeng kgosi wa Letlhakeng Rre Tumelo Puleng, a supa fa  ditiro tsa ga Mme  Segwagwa di bua go le gontsi ka ene.

A re o thusitse thata gore bahumagadi ba tsene mo ditirong tsa motse, le gone go tsena diphuthego tsa kgotla.

“Mokhanselara Segwagwa a lole ka tsotlhe go bona gore koporase ya Letlhakeng e tsosolosiwe, ka jalo ke a le kopa maloko a koporase gore le ye go shafatsa boloko jwa lona.”

Kgosi o ne a ntsha matshwenyego a dintsho tse di ngomolang pelo tse di bakilweng ke dikotsi tsa dikoloi mo motseng wa gagwe, a bo a kopa batsadi go kgalemela bana, ba seka ba itlhoboga ba re ga ba utlwe.

O ne a kopa banana go tila dikotsi tsa tsela ka jaana di ba gapela botshelo ba santse ba le bannye.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Letlhakeng Bokone Rre Alexander Lekgela o ne a supa fa mokhanselara Segwagwa a ne a rotloetsa batsadi go itirela, a ne a ema ka dinao gore bana ba rekelwe dibuka kwa dikoleng, a lekile ka bojotlhe gore ba koporase ya metsi ba gogele metsi kwa kgotleng ya Mokwele.

Ba supile Mokhanselara Segwagwa e le motho yo o sa rateng tshenyetso setshaba e bile a ba thusitse mo dilong tse dintsi tse ba neng ba sena kitso ka tsone.

Fa ba tswa la bone, banni ba supile fa mokhanselara wa bone a ba thusitse dikgang di le di ntsi tse di neng di ba palela go di rarabolola kwa khanseleng, a bo a ba fa lesedi la go itirela.

Ba supile fa gape a thusitse ka ditiro tsa nakwana gore di fapaanelwe ka jaana batho bangwe ba ne ba di ikgagapelela. Ba kopile mokhanselara Segwagwa go tswelela a ba thusa ka  jaana ba lemogile fa a sa retelelwe ke kgang epe ka a sa tshabe sepe

Fa a ntsha la gagwe, Mme Segwagwa o ne a supa fa e rile a ipapaletsa ditlhopho a supa fa a ya go bapatsa mananeo a puso le go rotloetsa ba ba nang le dikitso.

Mokhanselara o supile fa a kgonne go dira se a neng a se bua mme dilo dingwe di saletse kwa morago, a re legale di tlaa dirwa, o supile fa a tsamaya a tlogela matshwenyego a batho ba matlo a a ranyegileng ka nako ya fa go agwa ditsela, a bo a supa fa a nametsega pelo ka jaana bangwe ba ntse ba neelwa phimolo-keledi ya go baakanya matlo a bone.

O tlhalositse fa ditsela tsa mo motseng di ne di tshwanetse go bidiwa maina mme ba solofetse fa tiro ya teng e tlaa tswelela.

Mme Segwagwa o tlhalositse fa a fitlhetse go na le motho a le mongwe fela yo o neng fiwa tiro ya go jesa bana ba masiela mme a feta a lwantsha kgang ya teng go fitlhelela e bo e amoganwa.

Mo go tse dingwe, mokhanselara o kopile banni ba Letlhakeng go nna ba letile kago ya kokelo ka jaana e ne ya diiwa ke go fetolwa leina le seemo sa sone.

O tlhalositse fa a tlogela a le ’bete se molangwana ka gore banni ba ne ba filwe sebaka sa go olela matlakala ka dikotsekara mme ya tloga ya tsewa mo go bone ya neelwa ba dikoloi.

Mme Segwagwa o supile gape fa a kgatlhilwe ke banana ba kgaolo ya gagwe ba ba neng ba filwe sebaka sa go aga matlo ke puso, mme ba dira tiro eo ka botswapelo.

O supile fa a ithutile dilo di le dintsi mo tirong ya bokhanselara, mme a leboga batlhophi ba kgaolo ya gagwe k aba ne ba mo fa sebaka sa go ba direla.

Mme Segwagwa o kopile badirelapuso ba ba tlogetseng tiro ka bogodi mme ba boetse mo gae go thusa ka dikitso tsa bone go tlhabolola Letlhakeng. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 Oct 2019