Moralane o ka nna boremelelo jwa thuo ya dinku - tona
17 Oct 2019
Motshwarelela tona mo Lephateng la Tlhabololo Banana, Metshameko le kgodiso ngwao, Rre Dikgang Makgalemele o gwetlhile barui ba motse wa Moralane go fetola motse wa bone boremelelo jwa thuo ya dinku.
O builwe se, fa a ne a bula semmuso thuto seka dipuisano ya dihutshane ka Labobedi kwa Moralane.
Rre Makgalemele o ba galaleditse go tsibogela mananeo a puso le go dira lenaneo la go tlhabolola motse wa bone ba itebagantse le go tlhabolola banana, go nyeletsa lehuma, go tlhama ditiro, twantsho borukuthi le go tlhama ditiro ka go dirisa thata ya bone le tse di fitlhelwang mo tikologong.
A re morafe wa Moralane o tshwaraganye le kompone ya Tlou Energy ba tsenye mo mosepeleng wa go godisa mohama wa thuo ya dinku.
Rre Makgalemele a re ba Tlou Energy ba rotloeditse morafe wa Moralane ka P80 000, a lebogela Tlou Energy seabe sa bone mo go fefoseng maikaelelo a morafe wa motse wa Moralane.
Rre Makgalemele a re go botlhokwa go bona morafe o lemoga tse di ka thusang go tlhabolola motse wa bone.
Le fa go ntse jalo, Rre Makgalemele o gateletse botlhokwa jwa gore morafe o tlhatlhelelwe kitso ya se ba eletsang go se dira ka jalo a phutha baitsaanape ba ba farologanyeng go tswa kwa lephateng la temothuo go tla go tlhatlhelela barui ka thuo ya dinku le ditshono tse dingwe tse di bulelwang ke thuo ya dihutshane.
A re go botlhokwa gore ba akanye metlhale ya go kabakanya mohama wa thuo ya dihutshane.
Tona Makgalemele o ne a supa fa nama ya nku e jewa thata mo dioteleng mme ba tshwanelwa ke go tsena ka mashetla mo thuong ya dinku.
Le ga go ntse jalo o kaile fa kompone ya Tlou Energy e mmonetse marulana pele ka go ba batlela mmaraka mo dioteleng ka go farologana.
Rre Makgalemele a re go nna kgakala le ditlamelo e tshwanetse ya nna lebaka le le dirisiwang ke barui ba motse wa Moralane go ipapatsa le gone go supa fa e se sepe se se ka ba itsang go tswelela.
“Le seka la inyenyafatsa ka gore le kgakala le ditlamelo, mme seo sa le itsa go tswelela,” ga tlhalosa Rre Makgalemele. A re ba na le bokgoni jwa go itshetlela le go phadisanyetsa mmaraka e mengwe.
Mogokaganyi wa lenaneo, Mme Boitshepo Bolele o galaleditse tshwaragano ya Tlou Energy le morafe wa Moralane.
Mme Bolele a re kompone ya Tlou Energy e tlaa tsamaisa barui ba Moralane tshipidi tonto ka go ba rutuntsha gore ba itshetlele mo thuong ya dinku.
Mme Bolele a re motse wa Moralane o itshupile fa o na le bokgoni jwa go tshegetsa dihutshane segolo bogolo dinku.
Mme Bolele o ne a rotloetsa mowa wa go ipopa ditlhopha ba dira dikoporase gore maiteko a bone a go gweba a tswe tema.
Mme Bolele a re mo mosepeleng wa go rotloetsa barui ba Moralane go godisa thuo ya dinku ba ne ba itshwaraganya le ba polase ya dihutshane ya Lubu kwa Kgalagadi Borwa ka maikaelelo a go tsaya malebela a go godisa thuo go nna kgwebo.
Modiri mo lekalaneng la dipatlisiso ka fa tlase ya lephata la Tlhabolola Temo thuo le go ntsha dijo, Rre Slumber Badubi a re go botlhokwa gore barui ba tsibogele dikgwetlho tse di tlang le go fetoga ga loapi.
Rre Badubi a re thuo ya dinku e botlhokwa ka gore ke seruiwa se se nang le bokgoni jwa go lepalepana le leuba.
Rre Badubi a re ka paka ya leuba dipudi di tshabelelwa ke go holotsa mme dinku tsone di kgona go emelelana le seemo se.
O ba gwetlhile go jesa dinku tsa bone matlhowa ka fa ba dira jalo ga go tlhokafale gore ba bo ba di kentela dibokwana.
A re go botlhokwa go ela tlhoko gore palo ya dinku tse ba di ruileng e tsamaelana le ya diphelehu.
“Jaaka le re lo batla go rua dinku bangwe ba tshwanetse ba tsibogela go tsena mo kgwebong ya go dira dijo tsa leruo le, ka gore diruiwa tse gore di a tle di tlhokana le dikotla tse di farologaneng,” ga tshwaela Rre Badubi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Maswikila
Location : MAHALAPYE
Event : Pulo semmuso ya thuto seka dipuisano
Date : 17 Oct 2019