Kgosana o fologa setilo
26 Aug 2013
Kgosana ya kgotlana ya Dandane kwa Bobonong, Rre Thuso Kgosietsile Agosi o fologa setilo sa bogosi sa kgotlana eo ka mabaka a botsogo.
Rre Agosi o na le dingwaga tse masome a mabedi e ntse e le kgosana ya kgotlana ya Dandane, mme e bile a le dingwaga di le masome a supa le bobedi. O sale a ntse kgosi ya Dandane ka ngwaga wa 1993 a tsaya mo go rrangwaneagwe , Rre Jane Letubo.
Mo potsolotsong, o tlhalositse fa a tlaa tlogela setilo sa bogosi sa kgotlana eo mo kgweding ya Ngwanatsele e ya fifing. Rre Agosi o boletse fa e tlaa re mo kgweding ya Lwetse a tlhola gangwe a dire mokwalo wa ikopelo go tlogela tiro o o tshwanetseng go dirwa mo kgweding tse tharo pele motho a togela tiro ka fa molaong.
O tlhalositse fa a tlaa tlhatlhangwa ke morwae, Rre Tomeletso Kgosietsile Agosi yo o tlaa thusanang le rangwaneagwe, Rre Emogang Kgosietsile. Rre Agosi o kopile morafe wa Dandane go dirisana sentle le morwae yo o mo tlhatlhamang fela jaaka ba dirisantse sentle le ene nako e a neng a santse a le kgosi.
O boletse fa e tlaa re kgwedi eno e ya fifing a bitse phuthego go tla go laela morafe wa kgotlana ya gagwe ka jalo o kopile morafe wa Dandane go tla phuthegong e ka bontsi gore a tle go ba laela. Kgosi ya Babirwa Kgosi Mmirwa Malema o tlhalositse fa Rre Agosi a buisantse le ene ka go tlogela tiro ga gagwe.
Kgosi Malema a re o dumalane le ene gore a tlogele tiro ya bogosi ba lebeletse botsogo jwa gagwe ka a setse a latlhegetswe ke pono.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kago Kgosietsile
Location : Bobonong
Event : Potsolotso
Date : 26 Aug 2013






