Breaking News

Monana o kopa thotloetso

20 Jan 2013

Monana wa moithaopi kwa Ditshegwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Mme Keabetswe Mabeleng o ikuetse fa a tlhoka thotloetso go tswa mo bananeng ka ene ga mmogo le morafe ka kakaretso go diragatsa ditiro tsa boithaopo.

Mme Mabeleng o boleletse mo potsolotsong gore motse wa gagabo ga o na banana ba ba nang le mowa wa go ithaopa  le gone go leka go dira sengwe se se tlaa ba thusang mo botshelong fa e se go tlhola mo meriting kana go diiwa ke dino.

O tlhalositse gore o tlhola a leka go bitsa phuthego ya banana mo motseng, maikaelelo e le go tla go buisana gore ba ka kopana ba dira eng go tokafatsa matshelo a bone a selegae mme go seke go nne le yo o supang kgatlhego.

O tlhalositse gape fa ba na le setlhopha sa motshameko wa bodiragatsi mme le sone ga se tswelele pele ka ntlha ya go tlhoka yo mogolwane. A re ba tlhoka motsadi yo o ka ba elang tlhoko mo ditirong tsa bone le gone go nna a ba gakolola fa ba sa tsamaiseng sentle teng.

A re setlhopha fa se se na go fenya kwa dikgaisanyo tsa ngwaga le ngwaga tsa botaki le bodiragatsi, go nna le dikgogakgogano ka tiriso ya madi, selo se a reng go bakwa ke go tlhoka yo mogolwane mo go bone go ba thusa ka megopolo ka ga ba reetsane e le maloko.

Mme Mabeleng o lela ka gore mathata a  bone a itsa setlhopha go gola, a kaya fa bangwe ba bonala fela fa dikgaisanyo di le gaufi. O gakolotse banana ka ene go sa ipone tsapa mme ba tsee tsela e e maleba go bona thuso.

O  ne a kopa batsadi  mo motseng go rotloetsa balekane ba gagwe go ithaopela go direla motse wa bone, a kaya gore go dira jaana go ka ba tlhabololela motse e bile le bone ga ba godisa mo matshelong a bone a selegae. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Boikobo Keboetetse

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 20 Jan 2013