Breaking News

Lephata le bolotsa letsholo

20 Jan 2013

Lekalana la dijwalo mo lephateng la temo-thuo kwa Shakawe le ikaelela go simolola lenaneo la nyeletso lehuma ka go lema masingwana a merogo.

E rile mo potsolotsong, mogolwane wa lekalana le kwa Shakawe, Mme Elizabeth Keabetswe a tlhalosa  fa tiro e e setse e simolotse e bile ba ba tlaa thusiwang ba ka nna lekgolo ba setse ba sekasekilwe ke ba boipelego go simolola kwa motseng wa Gudigwa go fitlha kwa Nxamasere.

 Mme Keabetswe o supile fa bontsi jwa batho ba ba mo lenaneong leo ba rutilwe ke lephata la gagwe ka go tlhokomela tshingwana ya merogo gore ba kgone go  tokafatsa matshelo a bone.

O boletse fa didirisiwa tsotlhe di akaretsa ditanka tsa metsi, mapako le matlowa di setse di gorogile e bile dingwe di setse di isitswe kwa  bathong. Mogolwane yo a re  ba simolotse kwa Gani le Shakawe mme morago ba tlaa phatlalala le metse e mengwe mo kgaolong-potlana ya Okavango, a tlatsa ka gore bontsi jwa batho ba ba ikwadisitseng mo lenaneong ke bomme  fa e se kwa Ngarange. 

Mme Keabetswe a re batho ba kgaolo eo ba rata temo fela thata, ka jalo o na le tsholofelo ya gore lenaneo le tlaa atlega. O boletse fa ba na le  kgwetlho ya metsi mo mafelong mangwe.

Mme Keabetswe o tlhalositse fa go hirilwe batho ba le bararo go thusa go aga mereti ya masingwana ao fa lephata la gagwe lone le thusa ka boitseanape jwa go tlhokomela masingwana.

Mo go tse dingwe, Mme Keabetswe o tlhalositse fa lenaneo la temo la (ISPAAD) le tsweletse sentle mo kgaolong, a bolela fa ba na le ditshukudu tsa temo di le pedi fela mme mo nakong e go bereka e le nngwe.

O boletse fa bontsi jwa balemi ba setse ba simolotse go lema ka ditonki. O gakolotse balemi go dirisa bokgola jwa ntlha gore ba kgone go akola thobo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Murundu Diwanga

Location : GUMARE

Event : Potsolotso

Date : 20 Jan 2013