Tsayang bana ka fa molaong
26 Aug 2013
Bana ba ba fitlhelwang ke borre ba tshwanetse go tsewa ka fa molaong fa rre a tsena mo nyalong le mmaabone.
Mafoko a a builwe ke mogolwane wa lekgotla la Emang Basadi, Mme Idah Mokereitane, mo dipuisanong tse di neng di tshwaretswe kwa Palapye ka Mosupologo. Mme Mokereitane a re Setswana sa go e gapa le namane, go sa diragadiwa molao ga se a siama ka gore se ka baya bana ba ba fitlhelwang ka fa mosing.
A re go le gantsi batsadi ba tsaya bana ba, mme ba ba fe sefane sa lenyalo go sa salwa molao morago mme go dira jalo go baka mathata fa bana ba sena go gola. A re fa ngwana a tserwe ka fa molaong, rre o baya monwana dipampiri tse di supang fa a tsaya bana ba a ba fitlhelang a ba dira ba gagwe ka fa molaong.
A re se se ka thusa gore bana ba ba akole ditshwanelo tse di tshwanang le tsa bana ba ba tlaa tsholwang mo lenyalong. Mme Mokereitane a re bomme gantsi ba lebala ntlha e mme morago fa rre a sa tseye bana ka tekatekano, ba simolola go ngongorega. A re tumalano ya ga mme le rre ga e a tshwanela go direlwa kwa bothokong go ikgatholositswe molao.
O tlhalositse fa go le botlhokwa gore banyalani ba sedilwe maikutlo ga mmogo le go thusiwa go rarabolola dikgang tsa mofuta o pele ba ka tsena mo nyalong. Mo go tse dingwe, a re bomme ba tshabelelwa ke go loba bana fa ba tsena mo nyalong, a re ntlha e ke nngwe ya dingwe tse di thubang malwapa.
Leloko la mokgatlho oo, Mme Selebaleng Dintwa, a re bana ba tshwanetse go nna le tshwanelo e e lekalekanang mo lelwapeng, a tlhalosa gore dithata tsa gore bana ba lekalekane di mo batsading. A re ka dinako tse dingwe, borre ba ikgatholosa bana ba ba ba fitlhelang ba dirwa ke ka fa mme a tsayang rre ka teng.
A re rre o kgona go amogela bana jaaka ba gagwe mme morago mme a dire botsalano le rraagwe bana ba ba fitlhetsweng mme fa rre a re o a bua, a kgalwe fela thata. O tlhalositse gore gantsi fa rre a tsaya mme ka bana, o a bo a boleletswe fa bana ba se na rraabone mme morago fa go ntse go tsweletse, rraagwe bana a runye.
A re go dira borre jalo ga go a siama ka rre a kgona go felela a tsaya tshwetso ya go tlhokomela bana ba e leng ba gagwe fela. A re fa bana ba tserwe ka fa molaong, rre o na le tshwanelo ya go tseela rre ope fela yo itshupang fa e le rraagwe bana ntleng ga gagwe dikgato. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : Palapye
Event : Dithuto puisanyo
Date : 26 Aug 2013






