Breaking News

Omang o botlhokwa - Kedikilwe

26 Aug 2013

Mothusa Tautona, Dr Ponatshego Kedikilwe a re ditirelo tsa Omang di tlhoka go tlhabololwa gore Omang a  tswe mo nakong e e beilweng.

O ne a araba ngongorego ya batho ba motse wa Diloro ka ga ditirelo tse di bonya tsa ofisi ya omang kwa Palapye mo phuthegong ya kgotla ka Laboraro. Dr Kedikilwe o boletse gore Omang o botlhokwa fela thata mo botshelong jwa Motswana ka jalo a ntsha taelo ya gore molaodi le lekoko la gagwe go tla ka tharabololo ya bothata jwa Omang yo o diegang go dirwa.

O boletse gore e le modulasetilo wa khansele ya tlhabololo ya magae, ga a batle batho ba sokola jaaka e kete ga go na khansele ya go nna jalo. O tlhalosiste fa maikaelelo a khansele e le go tsisa ditlhabololo gaufi le batho gore ba seka ba di lata bokgakaleng. A re ditlamelo di tshwanetse go ya kwa bathong ka nako mme go ka kgonagala fa maphata otlhe a puso a goga mmogo.

A re khansele ya tlhabololo ya magae e batla go bona batho ba itirela, a re morafe o tshwanetse go sekaseka gore o ka dira eng mme o thusiwe go dira se o se eletsang e seng go direlwa jaaka nama. Rre Kedikilwe o ne a rotloetsa batho go sa ikaega ka lenaneo la Ipelegeng le a reng ke la nakwana la go ogola  batho mo isong.

O boletse gore lenaneo la ISPAAD le lone le tshwanetse go tlhoafalelwa ka gore puso e ikaelela go ntsha dijo tse di lekanang lefatshe leno e seng go ikaega ka tse di tswang mafatsheng a mangwe. A re dijo tse di tswang mo masimo e tshwanetse go nna tsone di jewang ke bana kwa dikoleng, dikokelo le balwetse ba ba tlhokomelwang mo malwapeng.

O tlhalosistse fa khansele ya gagwe e rotloetsa gape tshomarelo ya dikitso di tshwana le melemo ya Setswana, thobega ga mmogo le dipina le maboko a Setswana, a re dilo tse ke boswa jwa lefatshe leno.

Mo go tse dingwe, Dr Kedikilwe yo e bileng e le mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare o boletse fa dikgotla tsa metse ya Kgagodi le Mogapinyana di tlhatlositswe go nna dikgotla tse di kwalang ditsheko, a tlhalosa fa puso e tlaa nna e tlhatlosa tse dingwe jaaka ya Diloro mo nakong e e tlang.

Fa a tswa la gagwe, monni wa Diloro, Mme Keneilwe Kedikilwe o boletse fa  ditirelo tsa ofisi ya Omang di le bonya fela thata mo go tsayang dikgwedi tse di ntsi gore Omang a tswe.O boletse gore ditlankana tsa matsalo a bana le tsone di diega bobe.

Mogolwane wa ofisi ya Omang, Mme Seselo Masotja o ne a kaya fa ba ofisi ya omang ba dira bojotlhe go tsisa ditlamelo gaufi le batho  ba Diloro. A re ba ya kwa Diloro gangwe le gape go isa  dikarata tsa Omang mme di sa tsewe. Le fa go ntse jalo a re ofisi ya gagwe e na le kgwetlho ya tsa maranyane e e diyang go thusa batho, a re fa tsotlhe di apere tshiamo ba dira bojotlhe go thusa batho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : Lerala

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 Aug 2013