Breaking News

A dikgomo di lekanngwe phulo

26 Aug 2013

Lefatshe kwa kgaolong ya Nhabe le kgothegile fela thata ka ntlha ya motsamao wa leruo le lentsi.

Mafoko a a ne a buiwa ke modiri wa lephata la temo ya ditlhare,  Mme Thomologo Mutukwa, fa a  buisana le banana ba Sehithwa le mafelo a a mabapi. O tlhalositse gore palo ya dikgomo tse dintsi e le borai mo ditlhareng le bojang jwa kgaolo ya Nhabe.

Dithuto puisano tseo di ne di kopanetswe ke ba lephata la temo ya ditlhare le la banana, ka maikaelelo a  go ba rutuntsha ka seemo sa motsamao wa leruo le seabe se se nang le one mo lefatsheng le gore ba ka dira eng go tokafatsa seemo se.

O gateletse gore phulo e lekanyediwe leruo, go itsa gore leruo le kgaritlhe bojang jo bo leng teng, mo go ka dirang gore paka e e latelang bojang bo se ka jwa mela. Mme Mutukwa o kopile banana go leka ka bokgoni botlhe bo ba nang nabo go tokafatsa seemo se le go diragatsa metlhale e ba e rutwang mme e bile ba e gorose kwa botsading.

O kopile ba dipolase go hudisa ka tekanyetso,  le go kgaoganya mahudiso gore lefatshe le se ka la fela, mme gape go lekanyetswe leruo gore lefatshe le nne le sebaka sa go mela sentle gape.

O ne a kopa banana go somarelo tikologo go itsa go nyelela ga ditlhare ka bontsi, a tlhalosa fa dikokomane di  tshwanetse go  fitlhela ditlhare tseo ka jaana di na le mosola o montsi mo matshelong a batho. A re  puso e tsentse letsogo mme e bile e rebotse lephata leo ka go  thusa banana ka tsotlhe tse di itebagantseng le temo ya ditlhare.

Mogolwane wa lephata leo kwa Nhabe, Rre Desmond Serero,  o gakolotse banana gore  ba sale tsela e e siameng morago le fa ba le mo kgwebong. O tlhalositse  gore ditlhare dingwe di a fela mme ba tshwanetse go rerisa bogosi le go kopa diteseletso kwa go ba lephata la bone fa dikgwebo tsa bone di  ama ditlhare le bojang jwa naga.

Moithuti wa Cape Peninsula University of Technology, Rre Thebe Kemosedile, o ne a gakolola banana ka ene go somarela tikologo ka go dirisa ditsatlholego sentle, go lema ditlhare tse dintsi, go somarela metsi, go tlhokomela leruo le go tsibosa Batswana ka tshomarelo tikologo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Sebusang

Location : Maun

Event : Phuthego ya banana

Date : 26 Aug 2013