Modubule o akgola lephata la dipalamo
26 Aug 2013
Mopalamente wa Lobatse, Rre Nehemiah Modubule o akgoletse lephata la dipalamo le ipabalelo tseleng go bo le ruta setshaba ka ditirelo tsa lone.
Rre Modubule o buile jalo kwa letsatsing la go bolotsa letsholo la tlhokomelo ya dikoloi e e akaretsang dithaere, dipone, le disutlha metsi (wipers) le le neng le rulagantswe ke ba komiti ya ipabalelo tseleng ya Lobatse. A re bakgweetsi ga ba ke ba tsaya tsia dilo dingwe jaaka dipone le disutlha metsi, le ntswa di le botlhokwa fela thata.
Mopalamente Modubule o ne a kopa ba ba neng ba tsile letsholong leo go ya go ruta ba bangwe ka tse ba di amuleng a kaya fa dithuto tseo di le botlhokwa fela thata le fa go ntse jalo o ne a supa matshwenyego ka go tlhoka go tla ga morafe kwa letsholong leo.
Fa a tswa la gagwe, mookamedi wa lephata la dipalamo le ipabalelo tseleng kwa Lobatse, Mme Onalenna Sechele o ne a tlhalosa fa ba tshwentswe ke bakgweetsi bangwe segolo thata ba banana ba borre ba a kaileng fa ba tsenya dikoloi tsa bone dipone tse di sa letlelelweng.
A re bone ba itse fa dikoloi tsa sepatela le mapodise e le tsone fela tse di tsenyang dipone tsa mebala e sele mme o ne a kopa gore ba ba dirang jalo ba emise mokgwa oo. O ne a bua a sa kgale mathe ka disutlha metsi a supa fa bakgweetsi ka bontsi ba sa di tsee tsia mme di le botlhokwa fela thata a tlatsa ka gore ke tsone tse mokgweetsi a di dirisang fa pula e na a gakolola bakgweeetsi go di baakanya fa di sa bereke.
E ntse e le kwa letsholong leo Superintendent Gregory Mojobe o ne a supa fa dikotsi tsa tsela di oketsega letsatsi le letsatsi e bile di gapa matshelo a batho. A re bontsi jwa dikotsi tsa tsela di bakwa ke go tlhoka go sa itekanela ga koloi a tlatsa ka gore bangwe ba bakgweetsi ba tsamaya ka dikoloi tse di senang dithaere.
Superintendent Mojobe o kopile bakgweetsi go baakanya dikoloi tsa bone pele ga ba tsena mo ditseleng go hema dikotsi tsa tsela a tlhalosa gore seemo seo fa se sa emelwe ka dinao tshaba ya lefatshe leno e tlaa nyelediwa ke dikotsi tsa tsela. Tlhogo ya letsatsi e ne e le e e reng “ela tlhoko pabalesego ya maotwana, o tshele.
Bangwe ba ba nnileng le seabe mo letsholong leo ke ba dikompone tse di ikemetseng ka nosi tse di akaretsang Tyre fix (PTY) LTD le Tyre service .
Ba lephata la dipagamo le ipabalelo tseleng ba ne ba tlhatlhoba dikoloi ba sa lope madi ape e le tsela ya go rotloetsa bakgweetsi go ne ba dira jalo nako tsotlhe fa ba tsenya dikoloi tsa bone mo tseleng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : Lobatse
Event : Letsholo la tlhokomelo ya dikoloi
Date : 26 Aug 2013






