Motlobo wa dibuka o butswe
26 Aug 2013
Motlobo wa dibuka wa Molepolole, o o saleng o tswalwa ka kgwedi ya Mopitlo monongwaga o simolotswe go dirisiwa kgwedi eno e le masome a mabedi le borataro.
Motlobo o o ne o tswetswe ka o ne o fudusediwa kwa lefelong le legolwane, le lesha, le le neng la agiwa go lebilwe kgolo ya palo ya badirisi le motse. Moanamisa mafoko, Mme J. Motshome, a re ntswa o tlaa bo o ise o bulwe semmuso, ba ne ba patelesega gore o name o dirisiwa mo nakong eno ka jaana go ne go le lebaka o tswetswe.
A re ntlha e nngwe e e ba gwetlhileng ke ya gore motlobo wa dibuka o botlhokwa ka o na le seabe mo dithutong le dikitsiso fela jaaka dikole. Mme Motsheme a re ba tlaa o bula semmuso mo nakong e e sa fediseng pelo ka o setse o fedile e bile ba pakile dibuka.
O ne a rotloetsa badirisi ba basha go ikwadisa go nna maloko gore ba kgone go adima dibuka. Motlobo wa dibuka o ka fa kgotleng ya Borakarakalalo fa morago ga lebala (stadium) le legologolo. O tlaa bulwa ka dinako tsa 07.30 phakela tsena ka 4.30 maitseboa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kobamelo Koosimile
Location : Molepolole
Event : Potsolotso
Date : 26 Aug 2013






