Breaking News

Balemi ba tlaa jwala sesha

20 Jan 2013

Mopalamente wa kgaolo ya Tswapong Borwa, Rre Oreeditse Molebatsi, a re balemi ba tlaa lema sesha morago ga gore dipeo tse ba neng ba di phakisitswe ke balemisi ngwaga o o fetileng di palelwe ke go mela.

A re puso e tlaa phakisa balemi dipeo tse disha tse di sa siiwang ke nako ka gore tsa ngogola di ne di siilwe ke nako. Mopalamente a re balemisi ba tlaa tsamaya ba rurifatsa masimo kgotsa ditema tsotlhe tse di sa melang mme morago ba baakanyetse go lema sesha.

Balemi ba ne ba kopa mopalamente wa bone gore ba tsisediwe dipeo ka bofefo pula e sa ntse e le ntsi kwa kgaolong ya bone. Ba supile gape fa ba sena tsholofelo ya go bona thobo e e nametang ka ntlha ya diji tse di tlhasetseng masimo.

Ba re diji tse di tla ka palo e e kwa godimo e bile di farologane. Ba re nonyane, setotojane, tsiakgope, khukhwane le seboko, di dira mamere mo masimong a bone.

Rabalemisi wa kgaolo ya Tswapong Borwa, Rre Efeletse Onneetse, o ne a supa fa ba setse ba itse ka diji tse di tlhasetseng kgaolo mme a supa fa ba tsweletse ka go di lwantsha. O ne a kopa balemi ba kgaolo eo go dirisana mo twantshong ya diji, go tokafatsa seemo.

Rre Onneetse o ne a bolela fa puso e sa kgone go lwantsha diji tsotlhe mo masimo, a re tse dingwe beng ba masimo ke bone ba tshwanetseng go di itwantshetsa mme a re se se ka kgonega fela fa ba bereka ka popagano.

Rre Molebatsi, yo o bileng e le mothusa tona wa temo thuo, o ne a kopa balemi go tlhokomela masimo a bone ka go a tlhagola, a re diji tse dingwe di bakiwa ke ditlhatshana dingwe tse di melang mo bolemeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : LERALA

Event : Phuthego

Date : 20 Jan 2013