Breaking News

Tiego ya maphata e a tshwenya

20 Jan 2013

Mopalamente wa Boteti Borwa, Rre Lebonaamang Mokalake, a re o tshwenngwa ke gore maphata mangwe a a itebagantseng le go isa ditlamelo kwa setshabeng, a tsweletse ka go nyahala.

O buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Xere bosheng. A re maphata mangwe a tsaya lebaka go araba dingongorego tsa morafe le go isa ditlamelo kwa metseng e tshwana le wa Xere.

Go ya ka pego ya modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, dingwe tsa dikgang tse di tshwenyang banni ke tlhaelo ya metsi a leruo le setshaba ka kakaretso le tiego ya kapari ya sekole ya bana ba ba thusiwang ke puso.

Baagi ba tlhalositse  fa kokelwana ya bone e sena koloi e bile gape go na le bagodi bangwe ba ba thusiwang ke khansele ka dijo mme ba na le dingwaga tse nne ba sa fiwe madi a seshabo . 

Molaodi wa kgaolo potlana ya Boteti, Rre Loeto Porati o tlhomamiseditse Tona Mokalake gore dikgang tse di tshwenyang morafe wa Xere di tlaa arabiwa pele kgwedi eno e wela.

Rre Mokalake o ne a gakolola banni  botlhokwa jwa go dirisa mananeo a puso go tlhabolola matshelo a bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : LETLHAKANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Jan 2013