Ba feta 70 000 ba dirile loaro la borre
25 Aug 2013
Baagi ba motse wa Letlhakane ba tlhaloseditswe fa lenaneo la ga kgaola letlalo la bonna ka tsela e sireletsegileng, le simolotse go tswa tema ka go setse go rupisitswe borre le basimane ba feta 70 000.
Mothusa mookamedi wa lekalana le le okametseng mananeo a twantsho mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS la NACA, Rre Fraser Tlhoiwe, o ne a itela mo batsading ba kgaolo potlana ya Boteti go rotloetsa borre le bana ba basimane go inaakanya le lenaneo le, ka le ka nowa moro mo maitekong a go kganela kanamo ya mogare wa HIV le malwetse a mangwe, a anamang ka go tlhakanela dikobo.
Rre Tlhoiwe o buile jalo ka letsatsi la go atametsa setshaba ditlamelo tsa botsogo kwa Letlhakane mo bosheng, a re ba tsweletse ka go tiisa maiteko a go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV, a supa fa go sa tswa go simolodisiwa lenaneo la Tsosoloso, le maikaelelo a lone e leng go rotloetsa setshaba go itlhatlhobela mogare wa HIV.
A re le fa go itlhatlhobela mogare e le yone pinagare ya mananeo ya go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS ka jaana go se ditshwetso dipe tse motho a ka di tsayang a sa itse seemo sa gagwe, dipalo di supa fa go itlhatlhobile palo ya Batswana ya 41 per centmo dikgweding tse di lesome le bobedi tse di fetileng.
Rre Tlhoiwe a re puso ya Botswana e eteleditse pele thibelo ya mogare wa HIV, mme e tshwere ka thata go lwantsha kanamo ya one.
O supile fa go na le mananeo a go rotloetsa setshaba go fetola boitshwaro jaaka a banana a Wise Up le Youth Counseling on Air (YOCA) le O Icheke.Mo godimo ga mananeo a, Rre Tlhoiwe a re go simolodisitswe metshameko o o rutang ka twantsho mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS wa telebishene, o o bidiwang Ntwakgolo le thulaganyo ya go romelela mapalamente molaetsa e mekhutshwane beke le beke gore ba tswelele ka go tsibosa setshaba ka bolwetse jwa AIDS kwa dikgaolong tsa bone.
A re thulaganyo ya go romelela bagolwane molaetsa e mekhutshwane ya twantsho bolwetse jwa AIDS e tlaa atolosiwa go akaretsa magosi, makhanselara le baeteledipele ba bangwe ka maikaelelo a gore gongwe le gongwe fa ba leng teng, ba itse fa HIV e sa ntse e le nngwe ya dikgwetlho tse apereng lefatshe la Botswana.
Rre Tlhoiwe a re sengwe sa botlhokwa ke gore palamente e sa tswa go dumelana gore go tsenngwe molao wa mananeo otlhe a twantsho kanamo ya mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS mo tirisong.
A re go papametse gore puso ya Botswana e dirile go le gontsi go babalela matshelo a Batswana ka go simolodisa mananeo a go thibela kanamo ya mogare wa HIV le go fokotsa manokonoko a bolwetse jwa AIDS. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : Letlhakane
Event : Letsatsi la go atametsa setshaba ditlamelo
Date : 25 Aug 2013






