Breaking News

Bodiragatsi bo tsosolosa ngwao

25 Aug 2013

Kgosi Edwin Ramokobetwane wa motse wa Khudumelapye, o gakolotse badiragatsi go itshupa le go tsaya bodiragatsi tsia.

Kgosi Ramokobetwane o buile jalo fa a ne a ama badiragatsi ka lefoko mo dikgaisanong tsa bodiragatsi tsa lephata la botaki le ngwao.

O supile fa bodiragatsi bo le botlhokwa ka bo ka anamisa molaetsa motlhofo, ka gore setshaba sea bo se  reeditse ka kelelelo.

O kgothaditse banana ba Khudumelapye le bagolo go inaakanya le bodiragatsi ka ba ka ikinola mo lehumeng.

O ne gape a supa fa dikgaisano tsa bodiragatsi di thusa batho go iketla mo moweng le  go bona le sebaka sa go ithuta ka ngwao.

O gakolotse botlhe go supa ditalente tsa bone le gore ba itsewe ka tsone ka di ka ba thusa  le go  itshetsa.

Kgosi Ramokobetwane o ne a tswelela ka go kopa badiragatsi go dirisa lemme le ba atswiwang ka lone ka kelotlhoko, mme a kgala ba ba di dirisang  go reka ditagi.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Senkokame Dibeko

Location : Letlhakeng

Event : Dikgaisano tsa bodiragatsi

Date : 25 Aug 2013