Dikoporase di ka tswakanya itsholelo
25 Aug 2013
Mopalamente wa Shoshong Rre Phillip Makgalemele, a re Batswana ba tshwanetse go inaakanya le makgotla a dikoporase go tswakanya itsholelo, go bulela banana diphatlha tsa ditiro le go tsosolosa itsholelo e e kgautlhantsweng ke kwelotlase ya itsholelo, e e apereng mafatshe, segolo jang a rekang dithoto tsa lefatshe la Botswana.
O boleletse batho ba metse ya Poloka, Mokgenene, Otse le Kodibeleng mo diphuthegong tsa kgotla, gore fa Batswana ba ka simolola makgotla a dikoporase ka go ipopa ditlhopha, ba ka kgona go tokafatsa matshelo a bone le go tsosolosa itsholelo ka go dira dikgwebo tsa kepo ya ditswammung le bojanala tse a tlhalositseng fa di le bogadi bo gaufi.
Rre Makgalemele yo a neng a kgothatsa batlhophi ba kgaolo ya gagwe go ipaakanyetsa letsema la monongwaga ka go lema ka dipula tsa ntlha, o boletse fa mmuso o seegetse ditiro dingwe kwa thoko mo ngwageng wa madi wa 2013/14, ka ntlha ya tlhaelo ya madi, mme a re ditiro dingwe di tshwana le lenaneo la Ipelegeng, nyeletso lehuma le go shafatsa dikago, tsone di tlaa tsweledisiwa.
Mopalamente o tlhalositse fa mo kgaoganyong ya madi a setshaba, mmuso o seegetse fa tlhoko P 1.3 billion go dirisiwa mo mananeong a tshwana nyeletso lehuma, Ipelegeng le ISPAAD fa P30 million ene a tlaa dirisiwa go rekela bagodi dikobo le diromamowa go ba sireletsa mo serameng le go ba tlosa bodutu.
E rile a lekodisa batho ba metse eo ka dikgang tsa palamente e e fetileng, a bolela fa puso e dumelane mogopolo wa go thusa Batswana ka babueledi mo makgotleng a ditsheko, molao o tlaa letlelelang babega-dikgang go supa thulaganyo ya dipuisano tsa palamente mo ditshwantshong tsa motshikhinyego le molao o o tlaa rotloetsang Batswana go kgatlhegela makgotla a dikoporase.
Mabapi le tshenyego ya terata e e thibelang kanamo ya malwetse a leruo kwa Dibete, o ne a kopa baagi ba Poloka, Mokgenene le Otse go thusana le mmuso go tsosolosa terata eo ka lenaneo la Ipelegeng, ka jaana madi a lephata la temothuo le neng le tshwanetse go baakanya terata eo ka one, a dirisitswe mo go lwantsheng bolwetse jwa tlhako le molomo kwa dikgaolong tsa Nhabe, Bokone botlhaba le Bobirwa.
Baagi ba metse eo ba ne ba akgolela mmuso go tsweledisa lenaneo la Ipelegeng le la nyeletso lehuma ka jaana ba kgonne go bona ditiro tse ba itshetsang ka tsone le go inoga mo lehumeng ka go rekelwa dikgomo, dihutshane le masingwana a merogo.
Ba tsweletse ka go ngongoregela letlhoko la boroko jwa badirelapuso, tlhaelo ya baoki mo dikokelwaneng tsa bone, letlhoko la bakenti kwa Poloka le Mokgenene, tlhaelo ya matlwana a borutelo mo dikoleng tse dipotlana, letlhoko la dikoloi mo dikokelwaneng, tiego ya go amogelwa ga dikopo tsa banana le tlhaelo ya metsi mo metsing ya bone.
Ba kopile puso go ba agela sekole segolwane sa mephata ya magare, gore bana ba bone ba emise go latela thuto kgakala kwa Moiyabana, Radisele le Ramokgonami.
E rile a tsibogela dikopo tsa bone, a tlhalosa fa lephata la botsogo le dumelane go baakanya dikoloi tsa lone mo madireleong a ikemetsenmg boemong jwa CTO gore dikoloi tseo di baakanngwe ka nako e e tshwanetseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jwabeng
Location : Shoshong
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 25 Aug 2013






