Breaking News

Banana ba rulaganya moletlo

25 Aug 2013

Kgosi Mmirwa Malema wa Babirwa, o atlile mogopolo wa banana ba kgaolo ya eo wa go simolola moletlo o go tlaa ipelelwang ngwao ya Sebirwa ka one.

Moletlo o, o o tlaa bidiwang Bobirwa Cultural Festival, o tlaa tshwarwa ngwaga le ngwaga.

Kgosi Malema o tlhaloseditse ba lekalana gore go ka itumedisa  go bona  morafe wa Babirwa  go tswa kwa metseng yotlhe ya kgaolo o kokoanetse kwa  Bobonong  go ipelela ngwao ya one.

Kgosi a re o itumelela  gore morafe wa gagwe o tlaa simolola go ikgakologelwa o bo o itse ka ditso tsa one, ka nako e go tlaa bong go ketekwa moletlo o.

A re merafe e mengwe jaaka  Bakalanga, Bakgatla, Batswapong,  e setse e gatetse pele  mme le bone ba eletsa go dira jalo.

Monana  yo o eteletseng setlhopha se pele, Rre Moemedi  Kgosintwa, o tlhalositse fa lekoko la bone le tshwaragane le namane e tona ya go dira dithulaganyo, mme a supa gore ba setse ba dumalane gore moletlo o,  o tlaa tshwarwa ngwaga le ngwaga  ka kgwedi ya  Morule.

A re ba ikaelela gore ka letsatsi leo, go nne le ditiragalo di tshwana le mmino wa Sebirwa, kapari, dijo  le ditiragalo tse dingwe tse di tlaa tlhalosiwang nako e ntse e tsweletse.

Rre Kgosintwa  a re ba ikaelela go ikgolaganya le bogogi  jwa morafe wa Bobirwa, go ba neela dikgakololo tse di ka tokafatsang  go tshwarwa ga  moletlo oo.

O ne a kopa thotloetso le kemonokeng  mo morafeng  wa  Babirwa le dikompone  tse di  eletsang  go thusa katlego ya moletlo o.

O boletse fa setshaba se tlaa  itsesewe tsotlhe ka moletlo o fa go sena go wediwa dithulaganyo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kago Kgosietsile

Location : Bobonong

Event : Potsolotso

Date : 25 Aug 2013