Mmoulo o bogadi bogaufi
25 Aug 2013
Mogolwane wa kompone ya Seed Co Botswana Rre Olefile Ramaabya, a re kompone ya gagwe e dirile peo ya mmidi ya mmoulo e mmidi wa teng o tsayang dikgwedi tse pedi le sephatlo go ka rojwa.
Rre Ramaabya a re kompone ya SeedCo e dirile peo e go itepatepanya le diphetogo tsa seemo sa loapi ka e ka kgona go itshwarelela mo leubeng.
O tlhalositse fa phitlhelelo e e le maiteko a kompone ya bone go thusa go tokafatsa temo ya komelelo mo lefatsheng leno.
O buile jaana fa a ne a simolodisa semmuso ditshupo tsa temo-thuo tsa Molepolole ka Matlhatso. Ditshupo tse di tshwerwe e le lwa ntlha morago ga dingwaga tse tharo di emisitswe.
Le fa go ntse jalo, Rre Ramaabya o akgotse botlhe ba ba tsereng matsapa le go dira gore ditshupo tse di nne teng. O buile gape a rotloetsa balemi barui go sa ipona tsapa ka ditshupo di ba fa sebaka sa go abelana megopolo le dikitso tse di tlaa solegelang lefatshe molemo.
Fa a tlhalosa o ne a re lefatshe leno le sa ntse le le kgakala thata go ka ijesa mme sepe se se ka dirang gore le ntshe dijo tse di ntsi se tshwanetse sa salwa morago ka tlhoafalo.
O kgothaditse balemi go ikitaya ka thupana go sala morago ditaelo le dikgakololo tsa baitseanape ba temo thuo gore e re ngwaga o o tlang dipoelo tsa bone di bo di tokafetse thata.
Fa a tswa la gagwe Molomaganyi wa komiti ya ditshupo tsa kgaolo ya Molepolole Rre Samuel Mapitse o boletse gore e ne e se maikaelelo gore ditshupo di eme ka a re di botlhokwa thata mo balemi baruing go amogana megopolo teng. Rre Mapitse a re go tlhoka go tshwara ditshupo go ba kokonetse fela thata ka go rontshitse balemi barui ba kgaolo go ya ditshupong tse di tona tsa Gaborone.
Le fa go ntse jalo, a re go tswa gompieno komiti e e tlhophilweng ga e kgaogane, e tlaa tswelela e baakanyetsa tsa ngwaga o o tlang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : Molepolole
Event : Tshimolodiso-semmutso ya ditshupo
Date : 25 Aug 2013






