Isuzu e gapile botshelo
25 Aug 2013
Mapodisi a Tshane a tlhotlhomisa kgang e mo go yone, koloi ya modiro wa Isuzu e oleng ya bo ya gapa botshelo jwa motho mo tseleng ya Hukuntsi/Zutshwa mo bosheng.
Go ya ka mothusa mogolwane wa mapodisi a Tshane, Assistant Superintendent Batisane Modise, kotsi e e diragetse fa gare ga metse ya Zutshwa le Hukuntsi, dikhilomitara di fera bobedi go tswa mo Hukuntsi.
Rre Modise o tlhalositse gore koloi eo e ne e pegile batho ba le batlhano, go balelwa le mokgweetsi mme mo botlhanong jo, go ne ga rurifadiwa fa mongwe wa bapalami a tlhokafetse kwa kokelong e kgolwane ya Hukuntsi, ba le bararo ba bone dikgobalo tse dipotlana, mme ba gololwa go ya go ikokela kwa malwapeng, fa a le mongwe a ragoseditswe kwa kokelong e kgolo ya Marina.
Assistant superintendent Modise o tsweletse ka go tlhalosa fa ba ise ba itse se se ka tswang se bakile kotsi, ka ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse, mme ba belaela gore e ka tswa e bakilwe ke go tlhoka kelelelo ga mokgweetsi, ka jaana a ne a kgweetsa a se na setlankana sa go kgweetsa.
Rre Modise o tsweletse ka go supa fa tiragalo ya mofuta o e le ya ntlha mononwaga ya kotsi ya koloi e e bakileng loso kwa kgaolong ya gagwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Omphemetse Kemoyaone
Location : Hukuntsi
Event : Potsolotso
Date : 25 Aug 2013






