Breaking News

Lephata le ipaakanyetsa ngwaga oo tlang

25 Aug 2013

Lephata la thuto la khansele ya kgaolo ya bokone botlhaba, le simolotse go reka dibuka tse di tlaa tlhokwang mo dikoleng kwa kgaolong ngwaga o o tlang.

Mo mafokong a gagwe fa a simolola phuthego e e tsweletseng ya khansele mo Masunga mo bosheng, modulasetilo wa khansele ya bokone botlhaba Rre City Kealotswe, o ne a tlhalosa fa tsholofelo e le gore dibuka tsotlhe tse di tlaa tlhokwang ngwaga o o tlang di bo di gorogile kwa dikoleng ka Ngwanatsele monongwaga.

Rre Kealotswe, yo gape a leng mokhanselara wa kgaolwana ya Mapoka, o ne a tlhalosa fa mo nakong eno, khansele e tsweletse ka go amogela dingwe tsa dibuka tse e di rekileng go tswa kwa bagatising, mme dipe tse di gorogang di phatlaladiwa le dikole go ya ka thulaganyo e e dirilweng.

O ne a itsese makhanselara fa mo ngwageng ono wa madi, kgaolo ya bokone botlhaba e abetswe madi a a fetang didikadike tse tharo le sephatlo (over P3.5 million) go reka dibuka tse di balwang.

Modulasetilo o ne a supa fa bogogi jwa kgaolo bo tsere tshwetso ya gore theko ya ditirelo le dithoto dingwe e seegelwe fa thoko go akolwa ke banni fela, a re ka ntlha ya seo go fepa bana ba dikole ka borotho go dirwa fela ke beng-gae.

O ne a tlhalosa fa mo nakong eno go na le batho ba ba ikemetseng ka nosi gammogo le ditlhopha di le masome a mararo le borobabongwe tse di fang dikole tsa kgaolo borotho.Rre Kealotswe o ne a tlhalosa fa kwadiso ya bana ba ba tlaa simololang lekwalo la ntlha mo dikoleng tse dipotlana e simolotse ka kgwedi ya Seetebosigo mme e tlaa wediwa ka ya Lwetse.

O supile fa e tlaa re kwadiso e wela, go sugasugiwa ga bana bao go simologe, a boa a tlhalosa fa thutuntsho ya barutabana ba ba tlaa dirang tiro eo yone e setse e weditswe.

Modulasetilo o ne a lekodisa makhanselara le ka ditlhabololo tsa kgaolo eo, gammogo  le dipaakanyetso tsa temo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : Masunga

Event : Phuthego ya Khansele

Date : 25 Aug 2013