Mantshwabisi o saletse morago
22 Aug 2013
Go kaiwa fa batho ba motse wa Mantshwabisi mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba saletse kwa morago mo mananeong a nyeletso lehuma.
Ngongora eo e ntshitswe ke kgosi ya motse o Kgosi Dikaelo Tsiang mo puisanong le bobegadikgang bosheng. Kgosi Tsiang o supile fa a ngongoriswa thata ke ka fa morafe wa gagwe o sa akoleng ka teng mananeo a nyeletso lehuma a tshwana le la go lema masingwana a merogo mo malwapeng, le la banana la Youth Empowerment Scheme.
O tlhalositse fa bontsi jwa baagi ba sa atlege mo ikopelong mananeo ao, mme a re seemo seo se bakwa ke gore gantsi morafe ga o tlhaloganye tsamaiso ya go ikopela mananeo, mo a reng go felela go ba kgoba marapo go iteka lesego. Kgosi Tsiang o ne gape a ntsha ngongora ya gore letlhoko la metsi le baya morafe ka fa mosing, ka bontsi jwa one bo kgatlhegela mananeo a thuo.
A re go nna thata ka gore ba tshwanelwa ke gore ba bo ba na le metsi a ba tlaa a sielang loruo mme go pale ka ntlha ya go tlhoka didiba. O tsweletse a bolela fa letlhoko la metsi le na le seabe gape mo go sa lemeng masingwana a merogo mo malwapeng.
Kgosi Tsiang o ntshitse matshwenyego a go tlhoka go etela motse wa gagwe ga badirela puso ba kgaolo potlana ya Letlhakeng, a re gantsi morafe o tshwanelwa ke go kopa dithuso kwa Letlhakeng mme a tlatsa ka gore go ne go ka nna molemo fa ba ne ba tshwaraganela tsela le bodiredi jwa puso.
O kopile badirela puso go ne ba etela motse e le maphata a a farologanyeng go tshwara dithuto-puisano le go abelana dikitso le morafe gore ba tlhaloganye tsamaiso ya mananeo a puso mme ba kgone go a akola. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kamogelo Nkile
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 22 Aug 2013






