Breaking News

Komiti e akgotswe

22 Aug 2013

Komiti e e neng e rulaganyetsa ditshupo tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba tse di sa tswang go tshwarwa ka mafelo a beke, e lebogetswe go bo e dirile tiro ya yone ka bokgabane.

Malebo ao, a ntshitswe ke modulasetilo wa komiti eo, Rre Mathema Balule mo phuthegong ya go sekaseka ka fa ditshupo tseo di tsamaileng ka teng.

Rre Balule a re o itumedisitswe ke go bo maloko a komiti eo, ba ba neng ba akaretsa badirela puso le banni bangwe ba kgaolo eo, ba ne ba le seoposengwe go tswa fela kwa dithulaganyong go fitlha ditshupo di wela.

A re ba tshwanetse ba tshegetsa mowa oo, wa tirisanyo mmogo go ya go ileng mme o ne a re e re ka jaana ba ne ba kgaratlhela go tsosolosa ditshupo tse di neng di sale di tshwarwa la bofelo dingwaga  tse di fetang lesome tse di fetileng, fela mo nakong eno ba tshwanetse ba kgaratlhela go tswa ka megopolo e e ka ba thusang go gatela pele.

Fa a tswa la gagwe, Mothusa Molaodi yo o lebaganeng le ditlhabololo wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Onkokame Mafoko le ene o ne a leboga tirisanyo mmogo e e supilweng ke maloko a komiti eo. A re le fa ba ne ba hupediwa ke  dikgwetlho, fela ba dirile namane e tona ya tiro, mo ba feletseng ba kgona maikemisetso a bone.
    
O ne a ba gwetlha go dira jalo le mo ditirong tse dingwe tse di ka tshwarwang mo kgaolong, a bo a ba kopa gore fa ba tshwere tiro e le nngwe ba ne ba buisana ka lorato le ka tlotlo.

Rre Mafoko o ba gakolotse go se dirise mafoko a a ka kgopisang babangwe, a re go ka ba thusa gore ba kgone tiro ya bone le gone go ba fa seriti mo setshabeng.

A e re le ntswa mowa wa boithaopo le wa boipelego e setse e nyelela mo bathong, fela maloko a komiti eo ba sa ntse ba e tshegeditse ka jaana ba ne ba itlama go dirisa ditsabone gore tiro eo e atlege.

Molaodi a re ke sone se se thusitseng gore tebego ya tsone e seka ya supa fa e ne e le gone di tsosolosiwang.

Maloko a dikomiti ka go farologana tse di neng di baakanyetsa tiro eo, tse di akaretsang  kokoanyo madi, ya go baakanyetsa baeng dijo le tse dingwe fela jalo.

Ba ne ba ntsha dipego tsa ka fa ba neng ba tswelela ka teng le ka dikgwetlho mmogo le go ntsha megopolo e e ka dirisiwang  isago. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Phuthego ya tshekatsheko ditshupo

Date : 22 Aug 2013