Koloi ya khansele e tukile
22 Aug 2013
Koloi ya khansele potlana ya Hukuntsi ya modiro wa Toyota Land Cruiser, e tukile ya bo ya lora mo tseleng ya Ncaang/Hunhukwe bosheng.
Mokgweetsi wa koloi eo, Rre Kgotlayame Mothibi, o begile gore tiragalo e e diragetse mo maitseboeng a Labobedi ka nako ya borataro, dikhilomitara di le lesome go ya kwa motseng wa Hunhukwe. Rre Mothibi, o tlhalositse fa a ne a ema mo tseleng go itapolosa, mme a bona kgabo ya molelo e e neng ya apesa koloi yotlhe.
Molelo o, o fisitse dilo tsa botlhokwa tse di neng di le mo koloing, di akaretsa tante ya khansele, dikobo le beke ya diaparo tsa mokgweetsi, setlankana sa mokgweetsi sa go kgweetsa, karata ya banka, omang, le madi a mokgweetsi e le P1 050. O tsweletse ka go tlhalosa fa a ne a le mongwe fela mo koloing eo mme a dule a sa gobala gope.
Mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Hukuntsi, Rre Joseph Kgabanyane o tlhalositse fa ba ise ba itse se se ka tswang se bakile kotsi eo mme mapodisi ba sa ntse ba tsweletse ka ditlhotlhomiso.
Rre Kgabanyane o supile fa tiragalo ya mofuta o e le ya ntlha monongwaga, morago ga e nngwe e e kileng ya diragala mo ngwageng o o neng o feta kwa Ncaang, e mo go yone koloi ya modiro wa Isuzu e neng ya tuka ya bo ya lora. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Omphemetse Kemoyaone
Location : HUKUNTSI
Event : Potsolotso
Date : 22 Aug 2013






