Breaking News

Ba kopiwa go kgweetsa sentle

22 Aug 2013

Bakgweetsi ba kopilwe go kgweetsa ka kelotlhoko mo malatsing a  tlaa simologang  kgwedi eno e le masome a mabedi le boraro go fitlha e le masome a mabedi le bone, a Khawa Dune Challenge. 

Fa a buisana le ba lekalana la dikgang mo bosheng,  mookamela mapodisi  a pharakano kwa Tsabong, Asssitant, Superintedent Pandora Kgosimore , o tlhalositse fa tsela ya Werda e sa tsamaege sentle ka e na le dikhuti  tse di ka felelang  di bakile kotsi fa  badirisi ba sa di ele tlhoko.

Assistant Superintendent Kgosimore o ne a kopa a bo a gakolola bakgweetsi gore ba se ka ba kgweetsa ba nole bojalwa, ba  obamele matshwao a tsela  ka dinako tsotlhe, go kgweetsa ka lobelo le le lekanetseng le go tsamaya ka dikoloi tse di itekanetseng.

O gakolotse le gore ba se ka ba tsamaya bosigo, bogolo jang mo tseleng ya A20 Sekoma Tsabong ka diruiwa di le dintsi thata mo go yone e bile e sa teratelelwa.

Rre Kgosimore o kaile fa tsela go tswa kwa Khuis go ya Khawa e ka nna selekanyo sa dikhilomethara di le masome a fera bobedi, mme a kopa bakgweetsi go kgweetsa ka kelotlhoko ka le yone e le dikhuti le gore ba dirise dikoloi  tse di ka kgonang go tsamaya mo go yone ka e le  lekgwarapana.

Kwa bofelong mookamela mapodisi a pharakano o ne a supa fa ba tlaa bo ba  ipapanne sentle ka go dira dikganedi tsa tsela mo ditseleng go simolola kgwedi eno e le masome a mabedi le bongwe go tlhomamisa gore a molao wa tsela o a obamelwa, a kaya fa ba tlaa tseela botlhe ba ba tlaa  tsuololang molao dikgato. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 22 Aug 2013