Tshwaragano ya barutabana le batsadi e rotloetsa bana go itsetela adimo
15 Aug 2019
Motshwarelela Molaodi wa kgaolo-potlana ya Charleshill Rre William Keareng a re popagano le tshwaragano ya komiti ya batsadi le barutabana ya sekole sa Kole ke yone e rotloeditseng maduo a mantle a sekole seo.
O buile jaana kwa moletlong wa go ipelela maduo a lokwalo lwa bosupa kwa Kole bosheng.
Sekole sa Kole se tsere maemo a ntlha mo kgaolong ya Gantsi.
A re batsadi ba tshwanetse go emela dithuto tsa bana ba bone ka dinao ka dinako tsotlhe gore sekole seo se tsee maemo a ntlha gape mo ditlhatlhobong tsa ngwaga ono.
Rre Keareng a re ke selo se se kgothatsang go bona sekole sa Kole se eteletse pele dikole tse di mo kgaolong ya Ghanzi ka kakaretso ntswa se le kgakala le ditlamelo.
A re seo se supa fa barutabana ba sekole seo ba emetse thuto ya bana ba bone ka dinao ntswa go na le dikgwetlho.
Motshwarelela molaodi o kgothaditse barutabana ba sekole seo go nna seopo sengwe le go tshwaragana le botsadi gore ba kgone go tlhabolola dithuto tsa bana go ya pele.
A re go botlhokwa gore batsadi ba thusane le puso mo go tlhabololeng thuto ya bana ba bone e seng go baya tsotlhe mo pusong.
A re le bone ba na le tshwanelo ya go thusa fa go tlhokafalang teng.
Rre Keareng o kopile bana ba sekole go ikgapha mo dilong tse di sa siamang mme ba itebaganye le thuto gore e tle e ba tswele mosola.
Motshwarela molaodi a re puso e bonye go le botlhokwa go tlhabolola dikole le go bona gore bana botlhe ba tsena sekole.
A re bana le bone ba tshwanetse go ititaya ka thupana gore ba kgone go fitlhelela ditoro tsa bone.
Mogolwane wa thuto go tswa kwa Ghanzi Rre Zibo Tabona a re mo thutong bana, batsadi le barutabana ke di ya thoteng di bapile ka jalo ga ba a tshwanela go kgaogana.
Rre Tabona a re bana ba tshwanetse go itse gore go na le tlhaelo ya ditiro mo lefatsheng leno, ka jalo ba tshwanetse go tswakanya dithuto tsa bone jaaka dithuto tsa ditiro tsa diatla le maranyane ka gore di botlhokwa mo matshelong a bone.
Rre Tabona a re ntswa ba ithuta ba tlhaloganye gore puso ga e na go kgona go ba hira botlhe, ka jalo go botlhokwa go ithutela dithuto tse ba itseng gore di ka ba thusa go tlhama mebereko.
A re nako e tsile ya go bona Batswana ba itlhamela mebereko ba sa emele go thapiwa.
Rre Tabona a re ntswa puso e ntshetsa lephata la thuto madi a mantsi madi ao ga a a lekana ka lephata le, le na le ditiro tse dintsi tse di tlhokanang le madi.
O ne a kopa mogokgo go tshwaragana thata le barutabana ka dinako tsotlhe gore ba kgone dikgwetlho tse di lebanyeng sekole.
A re gape fa ba ka tshwaragana sekole sa gagwe se tlaa tswelela go dira sentle.
Gone kwa moletlong oo, mokhanselara yo o itlhophetsweng ke Tona Rre Thato Tshweneyagae o ne a abela moithuti yo o gaisetseng botlhe mo ditlhatlhobong tsa lokwalo lwa bosupa kopi le P1 500, a mangwe e le go bo a gaisitse ba bangwe mo dipalong le sekgoa.
Yo o mo tlhatlhamang o ne a atswiwa ka P500 selekanyo se se neng sa fiwa yo maduo a gagwe a tokafetseng fa a tshwantshanngwa le a nako e e fetileng.
Mokhanselara o ne a neela morutabana yo o neng a ruta bana bao P300 fa komiti ya barutabana le batsadi e ne ya tsaya P300.
Rre Tshweneyagae o ne a tlhalosa fa a tsile go tswelela a rotloetsa dikole tsa Ghanzi Borwa fa di dira sentle mo ditlhatlhobong tsa lokwalo lwa bosupa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : KOLE
Event : Moletlo wa go ipelela maduo
Date : 15 Aug 2019