Breaking News

Mahalapye Bophirima e tla dira ditsela dile tlhano

15 Jan 2026

Kgaolo ya Mahalapye Bophirima e tlaa dira ditsela dile tlhano ka madi a lenaneo la madi a dikgaolo tsa botlhophi a ngwaga tse tharo.

Se se builwe ke Mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Bophirima Rre David Tshere fa a buisa diphuthego tsa kgotla ka Mosupologo kwa kgotleng e tona ya Mahalapye le kgotla ya Tshikinyega.

“Ba ba maleba ba setse ba neetswe tiro ya go dira ditsela tseo, tse di kgaogangwang madi a ngwaga wa 2023 go tsena 2025 ka sekgele sa 500m ngwaga le ngwaga,” a tlhalosa jalo.

O boletse fa tsedi sa welang di tlaa dirwa ka ngwaga ono wa madi,  a tlhalosa gore e tlare morago go bo go tsibogelwa matlhoko a mangwe a kgaolo eo.

Mo go tse dingwe, Mopalamente o ne a lekodisa banni ba kgaolo ya gagwe ka melao kakanyetso ee beilweng Palamente pele, e akaretsa paakanyo ya molao-motheo le molao wa go dirwa ga lekgotla la molao-motheo.

O boletse fa gole botlhokwa gore batho ba rutwe ka molao motheo gore ba kgone go tsaya karolo mo dipaakanyong ba na le lesedi. Rre Tshere a re go baakanya kana go fetola molao motheo gase selo sese motlhofo,  go batla morero oo tseneletseng wa ba-na-le-seabe.

Banni ba ne ba lela ka tshenyo e e bakiwang ke metsi a pula a a tlang ka bontsi mo motseng.Ka jalo, Mopalamente o ne a ba tlhalosetsa fa maikaelelo a go dira mesele ya metsi le dipone tsa mekgwatha go tswa Madiba go ya kwa marekisetsong a Water Shed a le mo lenaneong la ditlhabololo la NDP12.

Fa a itebaganya le kgang tsa borukutlhi,  a tlhalosa fa dipetelelo, tiriso botlhwaswa ya bana mogo tsa tlhakanelo dikobo ga mmogo le dipolao di le ko godimo.

Rre Tshere o rotloeditse banni go lema a re ba dirise lenaneo la Lemang Dijo le maikaelelo a lone eleng go rotloetsa balemi. O boletse fa puso e tsere tshwetso ya gore balemi ba ba batlang go lema ba gasa ba ka dira jalo.

Mopalamente o ne a lekodisa banni ka seemo sa tlhako le molomo, a tlhalosa fa bolwetse joo bo tshwerwe kwa South Africa. Rre Tshere o kopile banni go ema ka dinao go sireletsa leruo la bone le gone go ela tlhoko dikai le go tsaya dikgakololo tsa ba temo thuo.

Fa a rola pego ya komiti ya ditlhabolo tsa motse, Rre Boniface Disho o ne a supa  matshwenyego a le mmalwa, nngwe ele go utswiwa ga megala ya motlakase mo malwapeng mo go dirang gore banni ba nne dikgwedi ba sena motlakase.

Rre Disho o ne a kopa mopalamente go  thusa ka seemo sa tiriso ya ditagi ee tsereng phekelo e sele, mme barekisi ba tsone ba sa tshwarwe. 

Monni wa Mahalapye Rre Sam Kelebale o ne kopa gore go baakangwe molao motheo pele ga go ka dirwa lekgotla. BOPA

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Mahalapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 15 Jan 2026