Breaking News

Puso E Tlaa Duela Badiri Ba Pele Ba BCL

14 Jan 2026

Puso e tsere tshwetso ya go duela badiri ba pele ba moepo wa BCL ba ba neng ba latlhegelwa ke ditiro morago ga go tswalwa ga moepo oo ka 2016.

Tona wa Ofisi ya ga Tautona le Itshireletso, Rre Moeti Mohwasa  o bulie jalo jaaka a ne a buisa badiri ba pele ba moepo oo kwa Selebi Phikwe ka Mosupologo. Tona Mohwasa o tlhalositse fa dituelo tse di tla neelwa bao ba ba latlhegetsweng ke ditiro tsa bone ka 2016 fela jaaka moepo o ne o tswalwa.

Le fa gontse jalo a re dituelo tse ga dina go gotlhagotlhana le dipe dituelo tse badiri ba pele ba moepo oo ba ka batlang go di seka di akaretsa go gobalela mo tirong. A re puso e tla itebaganya le go duela badiri bao madi a neng ba a solofeditswe a dikgwedi tse di lesome le borobabobedi morago ga go latlhegelwa ke ditiro.

A re maikaelelo a dituelo tseo ke go ba thusa manokonoko a ditlamorago tsa go latlhegelwa ke tiro mme e bile go itshupile fa go ne go se maleba. Rre Mohwasa a re puso e itemogetse fa dingwe ditshepiso tse di neng di beilwe badiri ba moepo oo pele di ne tsa seka tsa diragadiwa, ka jalo seo se tsweletse ka go ama babereki ka tsela e e ngomolang pelo.

A re maikaelelo ke gore komiti e e tlhomilweng go tlhotlhomisa dikgang tsa moepo le ba-na-le-seabe ka go farologana ba fefose ditsetlana tse di tla salwang morago go dira dituelo tseo, a re se ke go itsa tiego go ka ntsha madi ao. Rre Mohwasa a re mangwe maikaeleo a go duela badiri bao ke go supa fa puso e tsaya ka tlhwaafalo e bile e tlotla ditshwanelo tsa bone tsa setho.

Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa lekgotla la badiri ba meepo, Rre Joseph Tsimako, o akgotse maiteko a puso e a dirang mabapi le dikgang tsa dituelo ka go farologana tsa badiri ba pele ba moepo wa BCL.

A re se se tla tswelela se dira pharologanyo e bile se tsisa tshepo ya gore dikgang ka bontsi tse di amileng badiri ba pele ba moepo wa BCL, fa o tswalawa, di tla rarabologa. Rre Tsimako o kopile gore go nne go nna le tekodiso e e maleba.

Mongwe wa badiri ba pele ba BCL, Rre Kesalopa Thanyane o supile fa a itumeletse tshwetso ya dituelo tse di saletseng kwa morago. A re ntswa go ise go nne le tshedimoso ya gore dituelo di tla dirwa leng e bile e le bokae, go a nametsa gore sengwe ba tla se bona. BOPA

 

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : Selebi Phikwe

Event : Phuthego

Date : 14 Jan 2026