Tona o ikuela mabapi le dikoloto tsa metsi
19 Jan 2026
Tona wa metsi le bonno, Rre Onneetse Ramogapi a re go tlhoka go duela dikoloto tsa metsi ka nako, go bakile gore puso e retelelwe ke go kgobokanya madi a a ka dirisiwang go dira ditlhabolo le go isa ditlamelo kwa setshabeng.
Rre Ramogapi o tlhalositse se ka Labotlhano, fa a buisa phuthego kwa kgotleng kgolo ya Serowe. O tlhalositse fa Serowe e le mengwe ya metse e e kolotang madi a a kwa godimo.
Tona o gakolotse setshaba fa koporase ya Water Utilities e katolositse nako ya lenaneo la go fokoletsa setshaba sekoloto ka sephatlo sa madi a a kolotiwang mme a kopa gore ba dirise sebaka seo go duela dikoloto tsa bone.
Gape, Rre Ramogapi o tlhalositse fa lenaneo la Bonno National Housing Programme le sa fetola ditlhwatlhwa jaaka fa bangwe ba bega mo maranyaneng, a re se se begiwang ke go tlhoka go tlhaloganyana fela. A re babeeletsi ba tlaa adimiwa lefatshe gore ba dire ditlhabololo mo go lone, mme e re morago ga dingwaga tse di masome a matlhano, yo o kgatlhegelang go reka setsha seo, a tsene mo tumalanong le puso ka lenaneo la Bonno, le goromente a tla a rekelang moikopedi ditlhabololo tseo.
Rre Ramogapi o kgothaditsa setshaba go inaakanya le di khansele go tlhalosediwa ka lenaneo la Bonno le go tsenya dikopo.
Monni mongwe wa Serowe, Rre Modiri Moteu o ngongoregile gore ditsha tse disha tsa Serowe di kgakala le moalo wa kgopo ya metsi a leswe mme seo se ketefaletsa ba ba abetsweng lefatshe koo go ka gokelela diphaephe mo moalong oo ka go le turu. O kopile gore madi a kgokelelo ya kgopo ya metsi a leswe a fokodiwe.
Mme Keitumetse Mantswe ene o kopile puso go tsibogela seemo sa mesele ya kgopo ya metsi a a leswe, ka bontsi e se mo seemong se se siameng ka e setse a tletse e bile e tshololela metsi ao mo dijarateng le mo ditseleng, selo se se ka bakelang batho le diphologolo malwetse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keitumetse Setilo
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 Jan 2026




