Breaking News

Puso e araba kopo ya banni

15 Jan 2026

Ditsela tse banni ba Gambule, Gungwe le Letsholathebe kwa kgaolong ya Tati Bophirima ba tswang goo-lowe ba lela ka tsone di tsentswe mo lenaneong la ditogamaano tsa ditlhabololo la NDP12. Ditsela tse, ke tsa Kalakamati-Zwenshambe le Gulubane-Letsholathebe.

Go boletse jalo mopalamente wa kgaolo eo, yo gape e leng mothusa tona mo lephateng la Tlamelo ya Bana le thuto go tswa kwa moding, Rre Justin Hunyepa mo diphuthegong tsa kgotla Hirikgong a le lesome le bobedi.

Mopalamente Hunyepa a re tsholofelo ke gore tsela ya Gungwe-Masunga, e e ralalang mo Gambule, le yone e tle e akole fa go dirwa tsela ya Kalakamati-Zwenshambe. A re banni ba nne ka tsholefelo, ka jaana e le la ntlha mo ditsong ditsela tseo di akarediwa mo lenaneong la ditogamaano.

Rre Hunyepa o tlhalositse seo morago ga gore banni ba supe fa ba tswa kgakala ba lela sa mma iyoo ka seemo sa ditsela tseo le tse dingwe tse di lomaganyang metse ya bone le metse e mengwe ga mmogo le tse dingwe tse di mo metseng mme go se nko e tswang lemina.

Banni ba boletse fa ditsela tseo di ba jesetsa mo kgobedung, ba kaya fa seemo se bifela pele segolo jang mo pakeng ya dipula, ka jalo ba supile fa dipelo tsa bone di tlaa boela mannong fela fa ba ka bona dikatakata di simolola go dira sengwe mo ditseleng tseo.

Banni ba Gambule ba supile fa motse wa bone o dikaganyeditswe ke metse ya Gungwe, Mulambakwena, Masunga, Vukwi le Sekakangwe, mme go utlwisa botlhoko go bo ditsela tsotlhe tse di tswelang kwa metseng eo, di le mo seemong se se ngomolang pelo.

Go sale foo, banni ba metse eo ba ne gape ba itela kwa mopalamenteng tebang le go goroga ka bonya ga ditlhabololo kwa metseng ya bone, ba tlatsa ka go kopa gore dikokelwana tsa bone di godisiwe le gore ba okeletswe baoki.

Ba ile gape ba supa letshwenyego la go bo ditlamelo di tshwana metsi le motlakase di sa phatlaladiwa mo dintlheng tsotlhe tsa metse ya bone, ka mabaka a gore banni ba koo ba kwa ntle ga moalo (mmepe).

Banni ba tsweletse ba gwetlha lekgotla la kabo ditsha la Tati go tsholetsa dinao, go netefatsa gore le abela baikopedi ditsha, ba supa fa batho ba sa bolo go dira dikopo mme le jaanong jaana ba ise ba abelwe ditsha.

Mo tekodisong ya gagwe, mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Gambule, Rre Ini David o ne a supa fa dikago tsa sekolo se se botlana ga mmogo le matlo a boroko jwa barutabana di le mo seemong se se sa itumediseng, ka jalo di tlhoka go baakangwa.

Rre David o bile a supa tlhobaelo ka bonya jwa kago e e tsweletseng ya diofisi tsa kgotla kwa motseng wa bone. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Gungwe, Mme Mpho Zimundu o ne a kopa gore kgotla ya bone e godisiwe gore e kgone go nna mo seemong sa go nna le mapodisi, selo se a boletseng se ka thusa go tlhabantsha borukutlhi mo motseng.

Banni ba Gungwe ba ne ba ikuela gape ka ditlou, tse ba boletseng di setse di simolotse go ba tlhorontsha kwa masimong, ba re ngwaga le ngwaga bontsi jwa bone bo tswa bo iphotlhere kwa masimong ka ntlha ya ditlou tseo.

Modiri gotswa kwa ofising ya molaodi wa kgaolo, Mme Kagiso Matebesi o gakolotse banni ba metse eo go seke ba emela diphuthego tsa mopalamente mme ba nne ba lekodisa ofisi ya ga molaodi le maphata a a lebaneng ka matshwenyego a bone. BOPA

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Gungwe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 15 Jan 2026