A moretlwa o lele kwa dikoleng - kgosi
19 Jan 2026
|
Kgosi Dikakanyo Otukile wa Malaka a re baithuti ba dule mo taolong morago ga go emisiwa tiriso ya thupa wa dikoleng.
|
O buile se kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Tswapong North, Rre Prince Maele kwa Malaka bosheng.
Kgosi Otukile o supile fa bontsi jwa baithuti ba dule mo tseleng, ba sa reetse ditaolo tsa barutabana, mo ba kgonang go lofa kana go tlogela sekole.
O kopile gore puso e busetse thupa kwa dikoleng gore baithuti ba kgone go reetsa barutabana, a supa fa thupa e sa bolo go dirisiwa kwa dikoleng e bile e godisitse ba le bantsi. A re bana baa itaola mo bangwe ba sekole se segolwane ba le lesome ba ne ba se tlogela ba tshwanetse go kwala lekwalo la mophato wa boraro.
Mogolwane wa tsa thuto go tswa kwa lephateng la tlamelo ya bana le thuto go tswa kwa moding kwa kgaolong ya Palapye, Mme Segopodiso Selato, o tlhalositse fa ngwana yo o utlwang ka thupa e le sesupo sa gore sengwe ga se dirwa sentle kwa moding.
Mme Selato a re ngwana o tshwanetse go rutwa sentle kwa lwapeng a sa le monnye ka gore go dira jalo ga go na go nna dingalo gore a laolwe kwa sekoleng.
A re ngwana ga a tshwanela go dira tse di siameng a setswe morago ka thupa, mme o tshwanetse go dira tshiamo ka go itse gore o a tlamega e bile e le boikarabelo jwa gagwe go dira jalo.
O kopile batsadi go kgalema bana kwa malwapeng ka gore le fa thupa e sa tlhole e dirisiwa kwa dikoleng, ga go reye gore motsadi ga a kake a e dirisa kwa lwapeng.
A re batsadi ba emise go tshosetsa bana ka barutabana, ba tseye boikarabelo gore tiro ya barutabana e nne motlhofo kwa sekoleng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 Jan 2026




