Ba lela ka diji kwa Gumare
19 Jan 2026
Banni ba Gumare ba lela ka diji kwa masimong a bone. Mme Kgakologelo Mogopi, yo a lemang kwa masimong a Mavuyashire, o ikuetse mo mopalamenteng wa Ngami, Rre Philemon Aron, gore o tlhasetswe ke tsie e e ba senyetsang kwa masimong.
A re tsie eo e ntsi mme e ja dijwalo jaaka mmidi, ntshe le dithotse ka go ja matlhare le maungo mo dijwalo di omeleleng di bo di swa. Mme Mogopi a re ga se lantlha ba nna le seemo se ka se ne se le teng mo ngwageng o o fetileng. Mme a re seemo se, se ne sa begelwa ba lephata la botsogo jwa ditlhare.
A re ba eletsa fa lephata le ka ba tswa thuso ka go tshela dibolaya diji kwa masimong a bone le tikologo jaaka ba ne ba dira ngogola.
Mme Kebuile Alobile, wa masimo a Xhekedao, ene o supile fa ba tshwengwa ke dipeba tse di jang mmidi le dithotse mo ba feletseng ba lema sesha. Mme Alobile a re ba lelela kwa pusong gore e ba thuse ka ba sena ditsompelo le bokgoni.
Mogolwane wa botsogo jwa ditlhare kwa Okavango, Rre Boikanyo Moalafi, o tlhalositse fa go na le diji tse di lwantshiwang ke puso fa di amile balemi jaaka mofuta mongwe wa tsie wa African Migratory Locust, nonyane ya thaga le seboko sa Army Worm tse di jang dijwalo ka bokete jo bo kwa godimo.
A re mefuta e mengwe ya tsie jaaka e e kaiwang, mefuta e mengwe ya diboko, podile le dipeba, ga di akarediwe mo go tse di lwantshiwang ke puso mme e le boikarabelo jwa balemi. O supile fa ba lephata la botsogo jwa ditlhare ba thusa balemi ka kitso gore ba ka lwantsha diji tseo jang e bile ba rotloediwa gore ba dirise methale e e farologaneng jaaka go dirisa tshefi kgotsa dikitso tsa ngwao go di lwantsha.
A re le fa mefuta ya tsie e e tshwenyang balemi mo nakong ya gompieno e se e e lebaneng go lwantshiwa ke puso, e le ba botsogo jwa ditlhare ba tswa go sekaseka seemo kwa masimong a a farologanyeng ba bo ba isa pego kwa boeteledipele jwa lephata mme ba emetse phetolo ya gore ba ka thusa jang balemi. Rre Moalafi o ile gape a rotloetsa balemi go tsaya lenaneo la Lemang Dijo ka le na le ntlha nngwe ya go thusa ka diji.
Mopalamente Aaron o supile matshwenyego ka tshenyo e e bakiwang ke diji mo kgaolong. Mo go tse dingwe Rre Aaron o tlhalositse fa madi a dikgaolo tsa botlhophi a santse a emisetswe mme ke sone se ditiro tse baneng ba ikaeletse go di dira di sa kgonagalang. O tlhalositse gape fa tsholofelo e le gore kokelo ya Gumare e tlaa baakanngwa magareng ga ngwaga o no le o o tlang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : GUMARE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 Jan 2026



