Breaking News

Mokakapadi ke molemi wa popota

16 Aug 2019

Ntswa bontsi jwa balemi bo le maoto a tshupa go lema, sebe sa phiri e le dipula tse di boutsana, Mme Gaboyo Mokakapadi wa Serowe ke mongwe wa balemi ba ba sekeng ba ipona tsapa.

Molemi yo, yo o lemang kwa masimong a Ramatsaba, o ne a tsaya maemo a ntlha mo disupiweng tsa dinawa kwa ditshupong tsa temo-thuo tse di neng di tshwaretswe kwa Serowe bosheng. 

Le ngogola o ne gape a feta ka tse ditsididi. 

Mme Mokakapadi yo o neng a isitse disupiwa di akaretsa dinawa le morogo wa Setswana, o ne a bolela fa a sale a simolotse temo ka 1952.

A re ngwaga le ngwaga fa nako ya temo e atamela o baakanya tsotlhe tse a di tlhokang gore a seka a tlolwa ke temo.

 A re o phaka peo ka nako a ba a batle ba ba ka mo lemelang. 

A re ga a tlhophe gore mo ngwageng ofe kana ofe o lema eng.

 “Ke lema sengwe le sengwe. Ke lema magapu, dinawa, mmidi, letlhodi, mabele, ntshe le tse dingwe,” a bua jalo ka monyenyo a supa fa a rata temo tota.

Mma Mokakapadi a re ga gona ngwaga o a kileng a lema mme a seka a tswa ka sepe. 

“Ke rekisa bontlha bongwe jwa thobo ya me, fa e nngwe ke e somarela e nna dijo tse ke di jang.

A re mo dinakong tse dingwe o sekaseka gore a ka direla mongwe yo o tlhokileng lesego fjaaka ngogola a ne a ithaopa go duelela baithuti ba le batlhano ba sekole sa Matshekge sekole go fitlhelela ba fetsa.

E re ntswa Mme Mokakapadi yo o dingwaga tse 85 a setse a godile e bile a ikokotlela ka thobane, a re ba le bantsi ba gakgamalela gore a bo a santse a lema e bile a kgona go bona thobo.

A re ka a lema go le tsopana o tlhoka matsogo a a mo thusang, mme a ba duele ka se a tlaa bong a se robile.

Mma Mokakapadi a re bana ba gagwe ba feletse ba rata temo mme pele ba ne ba gana go mo rotloetsa ka ba ne ba dumela gore o setse a le motona mme o tshwanetse a ikhutse.

A re nako nngwe o ne a fetwa ke temo selo se se neng sa mo utlwisa botlhoko a ba a felela a robaditswe kwa kokelong. 

“Fa ba bongaka ba mpotsolosa go lemoga se se ntshwenyang mo moweng ka felela ke ba bolelela gore bongwanake ba ganne go ntemela.”

O boletse fa bana ba gagwe ba ne ba bidiwa ke ngaka go ba gakolola. 

A re fa e sale nako ya teng bana ba gagwe ga ba ise ba tlhoke go mo lemela.

O ne a rotloetsa banana  le bagolo go tlhoafalela temo ka e kgona go jesa motho kana e tsenya letseno mo lwapen. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : SEROWE

Event : potsolotso

Date : 16 Aug 2019