Ba Masunga ba itumelela ditshupo
21 Aug 2013
Banni ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba na le dingwaga tse di fetang lesome ba nyoretswe ditshupo, mmele lenyora leo, le ne la fela ka mafelo a beke, jaaka go ne go tshwerwe ditshupo kwa Masunga.
Ditshupo tseo, di ne tsa tswelela ka kagiso le boitumelo, mme balemi, bagwebi, maphata mangwe a puso le ba dikompone, ba ne ba supile tse ba di dirang le go tsibosa batho ka ditirelo tsa maphata a bone.
Lekalana la BOPA le ne la buisana le bangwe gone kwa lebaleng leo go utlwa maikutlo a bone mabapi le ditshupo tseo, mme bontsi jwa supa fa di ba file sebaka sa go bona le go tsaya melaetsa mengwe e ba neng ba sa e itse go tswa mo makalaneng ka go farologana.
Batsena ditshupo tseo ba ne ba leboga komiti e e neng e rulaganyetsa ditshupo tseo ka maiteko a go tsosolosa ditshupo, tse di saleng di tshwarwa la bofelo ka ngwaga wa 2001 mme tsa tloga tsa emisiwa ke go fudusiwa ga lebala la ditshupo go sutela matlo a mapodisi a a agilweng foo.
Go ntse go le foo, balemi-barui le bagwebi le bone fela jalo ba ne ba tlhalosa fa ditshupo di ba thusa go bapatsa dithoto, ditsatemo le leruo la bone le gone go ikitsise mo setshabeng.
Ba re mo godimo ga moo, di fa batho ba ba mo kgwebong e le nngwe le balemi-barui sebaka sa go buisana le go abelana megopolo mabapi le dikgwetlho tse ba kopanang natso mo mehameng ya bone.
Fa a bua mo boemong jwa lekgotla la balemi la TOTUMA, Mme Angelina Siwawa o ne a re go le gantsi fa balemi ba robile ditsatemo tse dintsi mme di tlhoke ba ba di rekang ka jaana setshaba se a bo se sa itse ka ga tsone, a re mme ditshupo di a thusa ka di didirisiwa gape jaaka malatsi a mmaraka. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Ditshupo
Date : 21 Aug 2013






