Breaking News

Batsadi ba kopiwa go nna le seabe mo thutong

20 Aug 2013

Batsadi ba bana ba ba tsenang sekole se sebotlana sa Khudumelapye ba kopilwe go tshwaraganela thuto ya bana ba bone le barutabana.

Mafoko ao a builwe ke mogokgo wa sekole seo, Mme Nancy Mukuwa mo phuthegong ya batsadi le barutabana bosheng. Mme Mukuwa o rotloditse batsadi botlhe go ikitaya ka thupana le go ipha nako go nna le seabe sa go latedisa  seemo sa thuto ya  ngwana bogolo gabedi mo setlheng.

O tsweletse ka go kopa batsadi go ne ba letlelela bana ba bone go tla sekolong ka mafelo a beke go tla go tlhatlhelelwa fa ba saletseng morago teng mo dithutong.

Mme Mukuwa o supile fa a tshwenngwa ke seemo sa bana ba ba tlang morago ga nako mo sekolong ntswa ba nna le batsadi kwa malwapeng, a supa fa botsamaisi jwa sekolo bo ikemiseditse go tsisa maduo a a botoka mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa.

Mongwe wa batho ba motse oo Rre Mmadianakedi Padime o akgoletse barutabana ba sekolo seo tshwaragano e ba nang le yone le bone.
O supile fa a itumetse go bona maduo a a nametsang  fa e sale ngwaga o simologa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Senkokame Dibeko

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya batsadi le barutabana

Date : 20 Aug 2013