A melawana ya mmereko e tlotlwe
20 Aug 2013
Bodiredi jwa maphata a kgaso le dikitsiso bo kopilwe go tlotla melawana ya boitshwaro mo tirong.
Melawana e e akaretsa go tla tirong ka nako le go thusa setshaba ka botho. Mafoko a a builwe ke mokwaledi wa lephata la merero ya ofisi ya ga Tautona le bodirela puso, Mme Sarah George ka Mosupologo.
Mme George o ne a le mo lengweng la maeto a a ntseng a a tsaya go lekodisana le go itse botsogo jwa badiri ba a ba okametseng. O ne a itebaganya le dintlha di le dintsinyana mme a gatelela thata botho le boitshwaro mo tirong, ga mmogo le botlhokwa jwa go tsena ditiro tsa lephata jaaka letsatsi la go isa ditirelo tsa lephata kwa bathong.
A re o lemoga sentle gore bangwe ba dira ka bonatla, mme o swabisiwa nko go feta molomo ke go utlwa dikgang tsa gore bangwe badiri ga ba tlatse dipampiri tsa tshekatsheko maduo, tse di kalang ka fa motho a dirang ka teng mo tirong.
O ne gape kgalema mokgwa wa go tlhapisana diatla go dirisiwa ditsompelo tsa puso, a re ke molato. A re mongwe le mongwe yo o batlang thuso, a e fiwe ka fa tshwanelong, go sa lejwa gore ke mang.
Mme George o ne a supa fa dingongorego tsa gore dikgang ga di begwe sentle ka tekatekano di tsweletse ka go thelesegela kwa ofising ya gagwe, a bo a kopa bodiredi go nna le mowa tshwaragano. O gakolotse bagolwane ba maphata oo mabedi go tlhwaela tsebe dilelo tsa bodiredi le go direla dilo mo pontsheng.
O ne laela gore babega dikgang ka kakaretso ba tshwanelwa ke go tlhaloganya gore ba tshwaraganya puso le setshaba malatsi otlhe, mo ditirong tse difarologanyeng tsa mananeo le dithulaganyo tsa puso.
Badiri ba lephata leo ba ne ba supa fa go tlhokafala moamogela baeng mo dikagong le gore go tsere lebaka megala e sa dire mme go didimetswe fela. Bangwe ba ne ba re go sekasekwe thulaganyo ya dituelo tsa badiri, go lebilwe tiro ya bone ka bophara, fa ba bangwe ba ngongoregela gore ba tsaya lebaka ba sa isiwe dikoleng.
E ne ya re a akgela ka megala go sa direng, mogolwane wa botsamaisi a lebaganye le tlhabololo ya ditirelo tsa lephata, Rre Vusa Ziga, a re ba ntse ba tshwere ka natla go bapatsa tiro ya go baakanngwa ga megala, a tlhalosa gore go ne ga nna le tiego ka gore didirisiwa di rekwa kwa mafatsheng a sele. Le fa go ntse jalo o ne a solofetsa gore ba leka bojotlhe go itebaganya le seemo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : Gaborone
Event : Tekodiso badiri
Date : 20 Aug 2013






