Breaking News

Sorinyana o itshwaela Mokgadi

20 Aug 2013

Modulasetilo wa dikole tse di ikemetseng ka nosi, Rre Steven Sorinyane, a  re dipatlisiso di supile fa dikole tse dipotlana kwa tennyana teng  di sa dire sentle mo ditlhatlhobong.   

Rre Sorinyana o buile jalo fa a simolodisa dithuso tse a tlaa bong a ikopanya le sekole ka lenaneo le lesha la thuto la go tlhokomela dikole, kwa sekoleng se sebotlana sa Mokgadi kwa Kanye mo bosheng.  A re mo maduong a ngogola, sekole sa Mokgadi se ne se le magareng ga dikole tse thataro tse di neng di tsere maemo a a kwa godimo.

A re selo se se itumedisang ka sekole sa Mokgadi ke gore ga se ke se nna le bana ba ba tsereng maemo a bone, kgotsa b aba bolelwang ka mekgwa e e maswe.

 A re se ke sesupo sa gore sekole se dirisana le dikomiti go tsamaisa sekole.   A re sekole sa Mokgadi se ne sa tsaya maemo a botlhano mo dikoleng di le masome a mabedi tsa kgaolo ya Kanye  ngogola. Rre Sorinyana a re sekole sa Mokgadi se tokafaditse maduo a sone ka 2011 le 2012, a re ka 2011 se ne se na le bana ba lokwalo lwa bosupa ba le masome a supa le bosupa.   

Rre Sorinyana o ne a ithaophela go thusa bana ba sekole se ba le lesome paka ya sekole. Molaodi wa Kanye Rre Kabelo Tshekiso, o ne a kopa setshaba go tsaya mananeo ka tlhoafalo, a re malatsi ano ga go na ditiro.   Rre Tshekiso o rotloeditse baithuti go tlhoafalela dithuto, gore ba itlhamele ditiro mo isagong.

 Modulasetilo wa khansele potlana e bile e le mokhanselara wa Ntsweng Bophirima Rre Patrick Ralotsia, o ne a gatelela botlhokwa jwa go godiaa ngwana sentle. Rre Ralotsia a re fa bana ba sa godisiwe sentle go bowa go boela mo batsading, ka bana ba ka tsoga e le diganana.  A re fa ditiro tsa mofuta o di ka tshwarwa ka mpa tsa menwana ga di ka ke tsa solega setshaba jaaka go solofetswe. Mogokgo wa sekole se Mme Gloria Moletsane, a re batsadi ba ba nang le maikaelelo a go thusa sekole sa Mokgadi ke Rre Steven Sorinyana, Mme Tebogo Gofhamodimo, Rre Patrick Ralotsia le Rre Victor Phologolo.

A re batsadi ba ba ikabile ka ditiro tsa sekole, tsa go rekela bana paka ya sekole, go rotloetsa temothuo ka maeto, go reka meriti ya ditshingwana le go reka dimpho go abelwa bana mo moletlong wa kabo dimpho.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : Kanye

Event : Tshimolodiso semmuso

Date : 20 Aug 2013