Tshwaragano e botlhokwa mo tsamaisong ya ditlhopho
20 Aug 2013
Molaodi wa kgaolo potlana ya Boteti, Rre Loeto Porati o kopile diphathi tsa sepolotiki go roma baemedi ba ba nang le boikarabelo go tshwaraganela tsamaiso ya ditlhopho le lekgotla le le ikemetseng la IEC.
Rre Porati a re go botlhokwa thata gore baemedi ba diphathi, e nne batho ba ba nang le botho e bile ba itse tsamaiso gore ba kgone go thusana le lekgotla le le tsamaisang ditlhopho gore tiro e e dirwang e wele ka thitibalo.
A re ope yo o fiwang boikarabelo jwa go emela phathi ya gagwe mo tsamaisong ya ditlhopho a ithute tirisanyo mmogo le go sala molao morago. Rre Porati a re ka nako ya ditlhopho, bontsi jwa batho ba kukega maikutlo ka gore mongwe le mongwe o eletsa go fenya ka jalo ba ba romilweng ba tshwanetse ba dira ka natla go tila dingongorego tse di ka gogomosang batho maikutlo le go tsosa tlhakatlhakano.
Rre Porati o ne a bua ka Labotlhano kwa Letlhakane kwa phuthegong ya diphathi tsa sepolotiki le ba lekgotla le le tsamaisang ditlhopho la IEC. Lekgotla la IEC le baakanyetsa ditlhopho tsa poelelo tsa kgaolwana ya bokhanselara ya Orapa tse di solofetsweng go tshwarwa kgwedi ya Lwetse e le lesome le bone. Ditlhopho di tla jaana morago ga go ithola marapo ga mokhanselara Chilume Balopi wa phathi ya BNF ka kgwedi ya Seetebosigo.
O kopile diphathi tsa sepolotiki go dira dilo di setse morago tsamaiso, a gatelela gore tshwaragano ya mapolotiki le badirelapuso ba ba romilweng ke IEC e le botlhokwa fela thata. A re ba dire gore tsamaiso e e phepa e bonelwe kwa Boteti ka go sala tsamaiso morago gore ba ba fenngwang e bo e se ka go sa sala tsamaiso morago.
O tlhalositse gore lekgotla la IEC le rutuntsha ba ba ikaelelang go emela ditlhopho le maloko a diphathi gore ba itse tsamaiso go hema tsietso le sepe fela se se duleng mo tseleng gore tshwetso ya tlhopho e tsewe go lebeletswe dipalo tsa batho ba ba tlhophilweng e seng sepe gape.
Rre Porati a re o ne a seka a itumedisiwa ke mapolotiki bangwe ba ba neng ba batla go tlola tsamaiso ka nako ya ditlhopho tsa poelelo tsa kgaolwana ya bokhanselara ya Mokobaxane.
O kopile diphathi go gakologelwa gore molao wa ditlhopho o letla fela ba ba romilweng go tsamaisa ditlhopho le ba ba tlhophilweng ke ba ba iteisanyang borathana go tsena kwa lefelong le go balelwang teng e seng ope gape.
Rre Porati a re ba ba romilweng ke diphathi ba itse tiro ya bone le gore ba thuse go itsa seemo go tswa mo tseleng. “Ke beile mo go lona go thusa gore go rene thitibalo ka letsatsi la ditlhopho, re thuseng go kgalema e seng gore go kgalengwe lona.”
Fa a lebagana le ba ba eletsang go emela ditlhopho tsa bokhanselara tsa poelelo tsa kgaolwana ya Orapa, mogolwane wa lekgotla la IEC, Rre Dintle Rapoo o ne a ba tlhalosetsa fa go le botlhokwa gore ba itse molao o o tsamaisang ditlhopho gore ba kgone go fitlhelela toro ya bone ya go emela setshaba sa Orapa.
A re go botlhokwa gore ba ba emetseng diphathi ba itsise motsamaisi wa ditlhopho fa go na le sengwe se ba bonang se dule mo tseleng.
A re tsamaisong ya ditlhopho e direlwa mo seding e bile e gololesegile ka jalo a kopa diphathi go roma baemedi ba ba nang le boikarabelo go thusana le ba IEC go tsamaisa ditlhopho ba setse molao morago. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : Letlhakane
Event : Phuthego ya IEC
Date : 20 Aug 2013






