Breaking News

Kereke e botlhokwa

20 Aug 2013

Tona wa Ditsha le Matlo, Rre Lebonaamang Mokalake a re le fa tiro ya kereke e le go gasa lefoko la Modimo le go tlamela setshaba, bontsi jwa dikereke ga bo tsamae ka tsela e.

A re o etse tlhoko gore dikereke ga e sa tlole e le botshabelo jwa ba ba tlhokofetseng mo moweng le ba ba tlhokang. Rre Mokalake a re go ntsifala ga dikereke go supa gore di palelwa ke go tshwaragana e bile di lebile dipoelo e seng go thusa setshaba.

O buile jalo bosheng, fa  kereke ya Serve God Christian Church, e abela batlhoki dithuso le go tlhoma moeteledipele wa phuthego kwa Kedia. Rre Mokalake a re le fa go ntse jalo, kereke e lejwa e le botlhokwa thata mo go nonotsheng puso ya batho ka batho, ka jalo a re sepolotiki le tsamaiso ya kereke di a tsamaelana.

 Rre Mokalake a re dikereke tse di latlhegetsweng ke tsela di sale morago tsamaiso ya ga Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama ya go dira mananeo a itebagantseng le go nyeletsa lehuma ka go tlhabolola matshelo a ba ba dikobo dikhutshwane morago. O supile gore dikereke di na le seabe mo go thuseng setshaba ka ditlamelo jaaka tsa thuto le botsogo, a re di thusa gape le go sidila batho maikutlo le go phepafatsa tikologo.

A re sengwe se se tshwenyang thata ke lebelo le dikereke di oketsegang ka lone, a re di setse di gaisa le tsone diphathi tsa sepolotiki ka go kgaogana ka makgamu. Rre Mokalake a re badumedi ba tumelo ya Sekeresete ba tshwanetse ba agisana, go fetsa dikgotlhang tsa bone e seng go kgaogana. O supile gore seemo se, se ketefalela puso ka go se na lefatshe le le ka abelwang dikereke tse di ntsifalang bosigo le motshegare.

Rre Mokalake a re dingwe tsa dikereke di jela batho madi ka go ba tsietsa ka tsamaiso e se nang boammaaruri. A re le fa Sekeresete se na le tsamaiso ya go porofita, bangwe ba ba dirang jaana ka maikaelelo a go tsietsa ka jalo dikereke di nne podimatseba mme di emise go tadikiwa leswe ke manweenwee.

E rile a itebaganya le Moefangedi Chulukani Mogakolodi, yo o neng a sa tswa go tlhomiwa go etelela phuthego ya Kedia, a mo gakolola go etelela ka ditiro tse molemo, a se ka a timetse tshaba. A re dikgwetlho tsa botshelo di ka dira gore bangwe ba tlhokomologe kereke ka jalo go tlhoka moeteledipele yo o nonofileng go tswelela a ruta ka botlhokwa jwa lefoko la Modimo.

 O gakolotse gore moeteledipele ga a a tshwanela go nna teme pedi,  a gakolola Rre Mogakolodi go dirisana le boeteledipele jwa motse wa Kedia. Rre Mokalake a re tshwetso e e tsewang ke moeteledipele wa kereke e ka bopa kana ya phatlalatsa phuthego. O supile fa kereke ya Serve God Christian Church e simolotse ka ngwaga wa 1992 ka maloko a le lesome le borataro mme mo nakong eno e na le makalana a roba bongwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : Letlhakeng

Event : Kabo dimpho

Date : 20 Aug 2013