EFB e abela batlhoki
20 Aug 2013
Bakeresete ba diphuthego tse di lesome le bone tsa Evangelical Fellowship of Botswana (EFB) ba diragaditse kopo ya ga Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama ya go abela ba ba dikobo dikhutshwane.
Diphuthego tseo di kaile fa di itlamile go diragatsa mangwe a matshego a Tebelopele ya 2016, ba itebagantse thata le la go aga setshaba se se kutlwelobotlhoko e bile se le lorato. Ba ne ba abela batlhoki ba le masome a mararo go tswa mo dikgaolwaneng tse di farologanyeng tsa Kweneng dikobo maabane.
Mangwe a maikaelelo a a tlhalositsweng ke komiti ya diphuthego tseo ke go bereka mmogo le setshaba go rapelela borukhutlhi le go tlhoka tsebe ga bana mo motseng le tse dingwe.
Fa a amogela diphuthego tseo kwa kgotleng kgolo ya Bakwena, Kgosi Kgari Sechele III, o boletse gore go le gantsi batho ba ya kwa kgotleng ka dikgang tse di farologaneng e bile di se monate mme ka jalo a atla dikereke go bo di bone go tshwanela go ya go rapela kwa kgotleng.
A re go kopana ga dikereke mo go ntseng jalo, go tlisa tsholofelo ya gore Modimo o utlwa dithapelo,a tlhalosa fa a dumela gore mathata a tlaa fokotsega. Kgosi Kgari o rotloeditse dikereke go tswelela di dira tiro eo, a supa fa morafe le one o tlaa itumelela dithuso tseo.
Fa a aba dithuso tseo, mothusa molaodi wa Molepolole/Lentsweletau, Mme Ikgopoleng Lekoape o gwetlhile bakeresete go aba, a re ba ba kgonang ba rotloetsege go abela babangwe go lwantsha matlhoki ka go farologana.
Mo potsolotsong, mongwe wa ba ba amogetseng dikobo mosetsana yo o dingwaga di lesome wa kgaolwana ya Magokotswane Borwa Lesego Kgopiso, o ne a lebogela thata mpho e a e abetsweng, a tlhalosa fa e tlaa oketsa palo ya dikobo tsa gagwe.
Dikobo tseo tse di lopileng P3 900 di ne di abiwa ke dikereke tsa pholoso tse di akaretsang Apostolic Faith Mission, Baptist, Bible
Life Ministries le tse dingwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gofaone Koogotsitse
Location : Molepolole
Event : Kabo dimpho
Date : 20 Aug 2013






