Breaking News

Tlhako le molomo e bepile kwa Nhabe

19 Aug 2013

Mookamedi wa lephata la matlhoko a leruo o tlhalositse fa seemo sa bolwetse jwa tlhako le molomo se bepile kwa kgaolong ya Nhabe.

E rile a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke makgotla a a amegang mo twantshong matlhoko a leruo kwa Maun bosheng, Dr Letlhogile Modisa, a totobatsa gore la bofelo go bonwa kgomo e e nang le bolwetse joo, ke ka kgwedi ya Seetebosigo e tlhola lesome le bosupa, kwa Habu.

O tsweletse a tlhalosa fa seemo seo se le botoka fela thata fa se tshwantshanngwa le sa mafatshe a a mabapi, a tlatsa ka go re kwa Namibia go na le dipelaelo tsa gore bolwetse joo bo sa ntse bo bonala fale le fale mme kwa Aferika Borwa bo le teng.

Dr Modisa o tlhalositse fa Tautona a ntshitse taolo ya gore dikgaolo tsa Nhabe le ya Bobirwa, di fokoletswe ditlhwatlhwa tsa dijo le melemo ya leruo ka di amilwe ke bolwetse jwa tlhako le molomo le go gomagomediwa ke leuba.

O tlhalositse gape gore kgaolo ya Nhabe ke nngwe ya tse di tlaa amogelang mokento o o dirisiwang kwa mafelong a a sireleditsweng. Le fa go ntse jalo, o supile gore go na le mangwe malwetse a a amang leruo, a a sa tshwanelang go itlhokomolosiwa, ka a na le seabe mo ditlhwatlhweng ka nako ya thekiso.

Dr Modisa o boletse fa go tlhagoga ga bolwetse jwa mmokwane go tlhoka go tsibogelwa ka bofefo, bo tshwenya fela thata, bogolo jang ka bo ama le nama mo dikgomo di felelang di tlhobogiwa kwa BMC, a supa fa seo se isa seriti sa lefatshe kwa tlase ka go kile ga lemogwa fa dikgomo dingwe di tshwerwe ka bolwetse jwa mmokwane ntswa di fetile ka matlhabelo a BMC.

O ne a wetsa ka go rotloetsa barui go sekaseka dikgomo tsa bone fa ba di isa kwa matlhabelong, go itsa dikgang tsa go tlhobogwa kwa matlhabelong, a ba rotloetsa le go tshwaraganela go lwantsha matlhoko a leruo le maphata a a lebaneng, go tokafatsa seemo kwa kgaolong eo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Sarah Mbaeva

Location : MAUN

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Aug 2013