Breaking News

Palapye o tlhorontshiwa ke magodu a leruo

19 Aug 2013

Mogolwane wa twantsho bogodu jwa leruo, Assistant Superintendant Joseph Motlhagodi a re sepodisi se tshwentswe ke dipalo tse di golelang pele tsa bogodu jwa leruo kwa Palapye le metsana e e mabapi.

A re fa go tshwantshanngwa le mafelo a mangwe, Palapye le metsana e e mabapi di itlhomile kwa pele mo bogodung jwa leruo. Assistant Superintendant Motlhagodi o ne a bua jalo kwa phuthegong ya kgotla e a neng a e biditse go itsise morafe ka di puisanyo tse di tlaa tshwarwang kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi a le masome a mabedi tsa go simolodisa semmuso letsholo la go lwantsha bogodu jwa leruo kwa morakeng wa Lechana.

A re bogodu jo bo goletseng kwa godimo jo bo supa fa go tlhokafala gore ba sepodisi, barui, badisa le makalana a a amegang ba eme ka dinao Batswana ba ise ba humanegisiwe ke dirukutlhi. Assistant Superintendant Motlhagodi a re mapodisi ba kopane le tona wa Itshireletso,Molao le Thokgamo ba ne ba thulanya ditlhogo go bona gore go ka buiwa jang ka lentswe le le kwa godimo go lwantsha bogodu jwa leruo ka botshelo jwa Motswana bo ikaegile ka thuo.

A re ba ne ba bona go tlhokega go bua ka thibelo ya bogodu jwa leruo ka ga go ise go buiwe ka lentswe le le kwa godimo ka jone.

A re go tlaa tshwarwa metseletsele ya dipuisanyo tse lefatshe lotlhe ka bophara mme mo dipuisanyong tse Tona wa Itshireletso, Molao le Thokgamo o tlaa bo a eteletse pele.

Assistant Superintendant Motlhagodi re go lwantsha bogodu jwa leruo ke tiro ya mongwe le mongwe go sa kgathalesege gore a o na le leruo kgotsa jang.

O ne a kgothatsa barui go itse leruo la bone ka mo dinakong tse dingwe bangwe ba kgona go begelela mapodisi gore leruo la bone le utswilwe mme ba sa le itse le yone mebala ya lone ba sa e itse.

A re seemo se se dira ditlhotlhomiso tsa mapodisi lolea ka go a bo go sena gore ba ka batla jang leruo la bone.

Assistant Superintendant Motlhagodi o ne a gwetlha barui go tlhokomela leruo la bone a bolela fa bangwe ba sa tlhokomele leruo mme go motlhofofaletse magodu go le utswa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 19 Aug 2013